kereke ya Baptist e abela banni ba Kumakwane
27 Aug 2026
Moruti Myung Seong Kim wa kereke ya Baptist go tswa South Korea a na le ba lelwapa la gagwe ba supile mowa wa bopelotlhomogi ka go abela banni ba Kumakwane matogo a phaletshe ka bokete jwa 12.5kg a le 150. E rile a amogela dimpho tseo mo kgotleng ka Laboraro, mothusa Kgosi ya motse, Kgosi Omogolo Seboni a re mpho eo e tla abelwa banni ba ba tswang mo malwapeng a kobo dikhutswane. O ne a gatelela gore puso e tlhoka go thusiwa mokgoleo wa go thusa ba ba dikobo dikhutshwane ka a ka se kgone a le esi. Fa a latlhela la gagwe mokhanselara wa Kumakwane, Rre Batho Motukisi o ne a akgola Rre Kehumile Kgoroba yo eleng tsala ya ga Rre Kim gape ele moagi wa motse go bo a ne a gopola ba a nnang le bone mo motseng fa Rre Kim a supa keletso ya go aba.
Rre Motukisi a re bo kgosi ba tla thusa mo go lemogeng le go nopola ba ba tshwanetsweng ke go abelwa mpho e, go tswa mo dikgotlaneng tsotlhe tsa motse.
O gakolotse gore go na le bagwe ba ba setseng ba thusiwa ka mephuthelwana ya dijo ke ba ofisi ya boipelego, ka jalo mpho e tswang kwa go moruti Kim, e tla abelwa ba ba tlhokang mme ba sa bone thuso gope jaaka ba-na-le-bogole.
Rre Motukisi a re botsalano le tirisanyo mmogo ya lefatshe la Botswana le South Korea e tlhoka go nosediwa, gore dithuso tsa mofuta o di tswelele. O tsweletse a re o itumelela le dithuso tse dingwe tse batho ba ba tlhokileng lesego ba di fiwang ke dikereke.
Rre Kim o tlhalositse fa ba sale ba simolotse tiro ya borongwa (missionary) ngwaga tse di boferabongwe tse di fetileng ko Tanzania. O tlhalositse fa ba tsamaya ba gasa efangedi ka thapelo, ba abelana lefoko la Modimo gape ba abela dijo le ba ba nnang mo mekgwatheng.
Morwadie Kim, Jueon Kim o ne a tlatsa ka gore maikaelelo a bone ke go abelana kitso ya bone ya temo ya nosetso le banni ba motse ka ese turu. Jueon a re temo ya nosetso, e ka dirwa le mo malwapeng, mo tshingwaneng ko morago ga matlo.
Ba lelwapa la ga moruti Kim ba ne gape ba abela banana ba motse meriri e e logang (braids) ele masome matlhano (50). BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thokozani Matiha
Location : KUMAKWANE
Event : Kabo dimpho
Date : 27 Aug 2026



