Breaking News

TSHWARAGANO E KA LWANTSHA BORUKUTLHI

27 Aug 2026

 Kgosi wa motse wa Kopong, Kgosi Michael Molefe o akgoletswe go rotloetsa mowa wa popagano.

Kakgolo eo, e ntshitswe ke mothusa Kgosikgolo ya Bakwena,  Kgosi Lawrence Mhaladi ka Labone kwa Kopong kwa tirong ya go rotloetsa le go abela dimpho makgotlana a baitlhaopi a twantsho borukuthi. 

Maikaelelo a kabo dimpho e ne e le go lemoga le go rotloetsa mowa wa boitlhaopo mo ditirong tsa setshaba jaaka go lwantsha borukutlhi. 

Kgosi Mhaladi a re le fa kgaolo ya Kweneng e tlhorontshiwa ke borukutlhi go botlhokwa go bona Kgosi Molefe a tshwaraganye le morafe mme ba dira ka natla go lwantsha borukutlhi. 

Rre Mhaladi o akgoletse morafe wa Kopong go tshwaragana a tlatsa ka gore sengwe sa dilo tse di ngokang dirukutlhi ke gore mo metlheng eno batho ga ba kopane ka jalo dirukutlhi di  tlhaselang batho ka ba itse gose ope yo o ka ntshang mosi ka sekhurumelo.

“Mo malatsing ano, batho ba itswalale mo dijareteng mme  ba palelwe ke go thusa fa batho ba tlhaselwa  ka jaana ba a  bo ba itswaletse,” ga bua Kgosi Mhaladi.

A re  e re le ntswa Kopong a le gaufi le  Gaborone, banni ba motse oo, ga ba ise ba fokelwe ke mowa wa setoropo ka bontsi, ka jalo a ba kgothatsa go tswelela ba tshwere ka thata, ba ntse ngatana.

Fa a tswa la gagwe Kgosi Molefe a re go na le maiteko a nametsang kwa Kopong a go lwantsha borukuthi.

A re mo godimo ga go bopa dikomiti tsa go lwantsha borukutlhi tsa dikgotlana, ba ne gape ba dumalana go tlhama dikomiti tse di itebagantseng le go lwantsha bogodu jwa leruo.

O tlhalositse fa kabo dietsele e le nngwe tsela ya go tiisa moko ba ba inaakantseng le go lwantsha borukhutlhi le go ba lemotsha fa  maiteko a bone a nametsa. Kgosi Molefe a re go lwantsha borukutlhi go tlhoka tshwaragano ya morafe le mapodisi. 

O supile gore le fa ba tsweletse ka maiteko a go lwantsha borukuthi, motse wa Kopong o gola ka lebelo le le kwa godimo, seemo se se gakatsang borukuthi. 

Kgosi Molefe a re seemo se, go lebega se tlaa fekeetsa maiteko a bone a go lwantsha borukutlhi, a tlatsa ka gore palo ya mapodisi mo motseng le yone e kwa tlase.

“Ke kopa gore re agelwe diofisi tse dikgolwane tsa mapodisi gore ba ntsifale ba tle ba re thuse go lwantsha dirukuthi,” ga bua Kgosi Molefe.

Rre Molefe o akgotse botlhe ba ba abetsweng ditlankana, a re ba kgothale go tswelela ba dira ka natla go lwantsha borukutlhi. O kopile ba ba santseng ba goga dinao go ititaya ka thupana mme ba thuse mo go gagamaletseng dirukuthi setoropo. 

Mopalamente wa kgaolo ya Lentsweletau/Lephepe, Rre Tshenolo Bogatsu a re o tlaa tswelela ka go lwela gore motse o nne le diofisi tsa sepodisi tse dikgolwane.

Rre Bogatsu a re palo ya mapodisi kwa Kopong ga e a lekana go itepatepanya le seemo sa borukutlhi ka jaana motse o tsweletse ka go gola. 

Mokwaledi wa dikomiti tsa twantsho borukutlhi, Mme Neo Mosime a re  Kopong ke one sekgantshwane mo kgaolong le go ralala lefatshe ka o nna o ikgapela maemo a ntlha kgotsa a bobedi mo go fokotseng borukutlhi.

A re ba ikgaogaogantse ka dikomiti tsa twantsho borukuthi jaaka tsa bagwebi, tsa dikgotlana le tsa ba bogodu jwa leruo, ka jalo seo se ba kgontsha go fokotsa kgonagalo ya ditiro tsa borukuthi. 

Mme Mosime a re o nnile moithaopi wa twantsho borukuthi go tloga ka ngwaga wa 2009, ka jalo o itemogetse gore bontsi jwa banana le borre ba santse ba le maoto a tshupa mo go lwantsheng borukuthi.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Molepolole

Event : Kabo dimpho

Date : 27 Aug 2026