Kwalang ditso tsa bogosi-Motshegwa
26 Aug 2026
Ere ka jaana bogosi e le jone pinagare ya tsamaiso ya merero ya Setswana, tona wa lephata la decalogue le tsa ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa o rotloeditse Batswana go kwala ditso tsa bogosi jwa metse ya bone.
A re go dira jalo ga se fela go thusa dikokomane ka go di bolokela ditso tsa merafe e ba tswang mo go yone, mme go ka thusa le go rarabolola dikgang tsa Bogosi.
O gakolotse jalo a buisa phuthego ya kgotla kwa Lefhoko ka Mosupologo. Rre Motshegwa a re puso e ikaegile ka molao wa Bogosi, o o tlhalosang gore kgosi e a tsalwa ka jalo a re bogosi jwa motse bo tsamaya ka lone letsalo. Le fa go ntse jalo, a re fa ditso di timelang teng, molao o letla gore morafe o ka tlhopha kgosi mme e tlhomamisiwe ke puso.
“Bogosi ke loago le tsamaiso ya Setswana, bo na le popego le ditso gore bo tsamaisiwa jang, ka jalo go bootlicker go kwala ditso go thusa go rarabolola dikgotlhang.
Re le puso re dirisa makoko go tlhotlhomisa fa go na le dikgang mo bogosing, mme go nna le kgwetlho fa ditso di sa kwalwa,”ga tlhalosa Rre Motshegwa.
O ne gape a supa fa go le botlhokwa go dibela dikgang tsa bogosi le go di tshwara ka matsetseleko ka jaana di ka bopa morafe kana tsa o thuba.
O ba kopile go dibela kagiso gore ditlhabololo tsa motse di seka tsa kgoreletsega.
Tona Motshegwa o ne a tlhalosetsa morafe wa Lefhoko fa a amogetse ngongora mabapi le bogosi jwa bone, mme ebile ditlhotlhomiso di supa fa go na le pego e e dirilweng ka 2019 morago ga ditshekatseko tse di tseneletseng.
Morago ga go reetsa dikakgelo tsa morafe, o ne a ba bolelela fa a lemoga ba dumalana le gore bogosi bo ka bo bo neetswe boora-Mosarwa eseng boora Nthomang jaaka go ntse.
Ka jalo, Tona Mutational o ba solofeditse fa a tlaa latedisa mabaka a gore boora-Mosarwa ba se ka ba neela puso leina ka nako eo, mme kwa pheletsong a busetse morafe phetolo mo malatsing a le lesome.
O ne a ba rotloetsa go tswelela ba bereka sentle le Kgosi Biki Nthomang go fitlha ba amogela tshwetso e e tserweng ke puso ka bogosi jwa motse oo.
Mo godimo ga moo, o ne a ba gakolola ka boikarabelo jwa bone jwa go tshwaraganela ditlhabololo tsa motse wa bone, go sa kgathelesege gore tshwetso e tla e ntse jang.
Erile a leboga, mothusa modulasetilo wa khansele ya Mabutsane, Rre Obakeng Melome a kopa gore botlhe ba ba amilweng ke dikgang tseo ba tshwaragane go ya pele ka jaana bogosi bo tshwaraganya motse ebile bo aga morafe.
A re o lebogetse tona go bo a lerile morero kwa morafeng ka jaana seo se tsamaisanya le maitlamo a puso a go direla dilo mo pontsheng go nonotsha puso ya batho ka batho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Lefhoko
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Aug 2026



