TLHATLHOBO YA LOKWALO LA BOSUPA E TLA BOKHUTLONG
26 Aug 2026
Puso e tsweletse ka go tlhabolola motheo wa tsamaiso ya thuto ka maikaelelo a gore bana ba tsene sekole lebaka la dingwaga tse di lesome le bobedi ba sa kgaupediwe.
Mo nakong ya gompieno baithuti ba kwala ditlhatlhobo tsa makgaolakgang tsa lekwalo la bosupa gore ba kgone go fetela kwa dikoleng tse di kgolwane.
Dikole tse di kgolwane tsone di na le thulaganyo ya gore baithuti ba mophato wa boraro ba kwale ditlhatlhobo tsa makgaolakgang, tse di letang baithuti gore ba fetele ko mophatong wa bone le wa botlhano.
Le fa go le botlhokwa go kala kitso e bana ba e setseng mo go se ba se rutwang ka go ba kwadisa ditlhatlhobo, puso e lemoga botlhokwa jwa gore bana ba tsamaisiwe tshipidi-tonto, ka jalo maikaelelo ke gore ba tsene sekolo dingwaga tse di lesome le bobedi, go fitlha ka mophato wa botlhano ba sa kgaupediwe ke ditlhatlhobo tsa makgaolakgang.
Ratoropo wa Lobatse, Rre Aron Ganakgomo o tlhalositse jalo mo molaetseng wa gagwe wa go bula semmuso bokopano ba makhanselara ka Mosupologo.
A re go tlhagolela phetogo e tsela, puso e ikaeletse go emisa ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa tsa makgaolakgang ka ngwaga wa 2029, ka gole botlhokwa gore bana botlhe ba akole thuto ya motheo mo dingwageng tse di lesome le bobedi ba sa kgaupediwe.
Rre Ganakgomo a re ditshekatsheko di tsweletse mo tsamaisong ya thuto go baakanyetsa diphetogo tse di solofetsweng.
O tlhalositse fa go le botlhokwa gore bana ba fiwe thuto go tswa ko moding, ka ele nako ya go fatlhoga, ka jalo bana ga ba tshwanela go kgaupediwa ka ditlhatlhobo. Le fa go ntse jalo, Rre Ganakgomo a re le fa go tla bo go sena ditlhatlhobo jaaka go ntse mo nakong eno, baithuti ba tla nna ba lekelediwa ka ditsela tse dingwe tse di farologanyeng go kala ka fa ba tsweletseng ka teng.
Rre Ganakgomo a re baithuti ba tla fiwa diteko mo dithutong tse di kwalwang go dirisiwa dipolelo go ba kaela kana puo ya molomo, go dira ka diatla le ka ditsela tse dingwe tse di farologanyeng. O tlhalositse gore diteko tse di fiwang, di tla thusa go senola kgatelopele le bokgoni jwa moithuti ka bongwe ka bongwe, ka jalo se tlhaole baithuti le go ba kaela gore mo isagong ba ka itebaganya le dithuto dife. A re se se botlhokwa le go feta ke gore, mokgwa o wa thuto o tlaa fokotsa kgatelelo mo baithuting segolo jang ka ba sale babotlana.
Rre Ganakgomo a re mokgwa o wa thuto o tla thusa baithuti go lemoga le go tlhabolola dikitso tsa bone tse di faphegileng.
O gwetlhile makhanselara, boeteledipele le botlhe ba ka amegang mo mhameng wa thuto le kgodiso ya bana go tsaya boikarabelo ja go ema nokeng phetogo e, le go netefatsa gore setshaba se amogela le go tlhaloganya se se akanyediwang go dirwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : PHUTHEGO YA KHANSELE
Date : 26 Aug 2026



