Breaking News

Bomme ba itshetsa ka monontshane wa diboko

26 Aug 2026

Le fa o bona diboko di nyeuma e bile di ka sisimosa mmele, bomme bangwe ba motse wa Radisele bone ba re metlhale ya khumo e mentsi, ka jalo ba dira sengwe sa tse di sa tlwaelesegang, ka go tsena mo kgwebong ya thuo ya diboko go itirela letseno.

 Setlhopha sa bomme ba ferabobedi se ne sa nna sego yare ba tsweletse ka dithuto tsa bone tsa thuto-ga-e-golelwe, ba rutuntshiwa ka metlhale ya go itshetsa, selo se se neng sa ba kopanya le go rutwa ka sengwe se ba neng ba sa se tlwaela, e leng go tsena mo thuong ya diboko go dira monontshane.

  Setlhopha seo sa bagwebi, se kwadisitse mokgatlho wa bone ka leina la Mmadiboko Enterprise.  Mo potsolotsong, mokwaledi wa setlhopha se, Mme Sophia Gaseitsiwe o tlhalositse fa ba tswa kgakala ba ruile diboko go dira manontshane.

A re ba simolotse ka ngwaga wa 2014 ba kopanela kwa thuto-ga-e-golelwe, kwa ba neng a loga megopolo e le mentsi go ka tokafatsa matshelo a bone.

Mme Gaseitsiwe a re mogopolo o neng o di goga kwa pele ya nna wa go simolodisa kgwebo ya go rekisa borotho.  O tlhalosa gore ba ne ba atla mogopolo o, ka jalo ba simolola go rekisa borotho ka go farologana mme morago ba emisa kgwebo ya go rekisa borotho. 

Ka jaana ba ne ba nyoretswe kgwebo, Mme Gaseitsiwe a re ba ne ba tsena mo go rekiseng dijo, selo se ba se dirileng ka lobakanyana, mme fa nako e ntse e tsamaya ba emisa kgwebo ya teng, ka e ne ya mokanelwa ke bontsi, le yone fela jalo e sa tlhole e dira dipoelo tse di kgotsofatsang.

 Mme Gaseitsiwe a re e rile ba ntse ba tsweletse ke fa morutabana wa bone kwa thuto-ga-e-golelwe a utlwalela fa gona le bangwe ba marekisetso a diboko kwa Serowe.

Morago ga go dumalana le megopolo wa go leka kgwebo ya diboko, a re ba ne ba tsaya loeto go ya go reka diboko, le fa tota ba ne ba sena kitso ka tsone e bile e le lantlha ba utlwalela selo sa go tshwana le se. A re Mokgwa o, wa thuo ya diboko, o itsege ka lereo la seeng la Vermicomposting. Mme Gaseitsiwe a re diboko tse di jeswa masalela a ditswa-temong, ka jalo boloko kana motshotelo wa tsone, ke one o dirisiwang e le manyoro a boleng jo bo kwa godimo. 

O supile gore manyoro a dirwang ka boloko jwa diboko tse, a dirisiwa go nontsha mmu mo tshimong, mo tshingwaneng ya merogo kana mo ditlhareng kana dijwalo ka go farologana.

 Bomme ba, ba supa gore diboko tse gantsi batho ba di lebang ka go sisimoga mmele mo go bone di a ba tshetsa le ba malwapa a bone. Ba rekisa monontshane, diboko le gone go amogana kitso ya go tsena mo thuong ya tsone. 

Mongwe wa maloko a Mmadiboko Enterprise, Mme Gakebao Njadingwe o gateletse gore monontshane wa diboko o na le dikotla tse di kwa godimo e bile a rurifaditswe ke baitseanape ba  Botswana University of Agricultural and Natural Resource (BUAN). Mme Njadingwe a re monontshane oo, ba BUAN ba supa fa a tsaya maemo a ntlha ka a na le dikotla tse di kwa godimo ka jalo a tshwanetse go dirisiwa ke balemi ba maungo le merogo go tokafatsa temo ya bone.

Mme Njadingwe a re le ntswa kgwebo ya bone e nametsa, dikgwetlho tsa bone di dintsi. A re ba tlhoka lefelo le le bulegileng kwa ba ka ruelang diboko tse teng le go lema maugo le merogo ba dirisa monontshane a bone le gone go dirisa kitso ya bone go ruta ba ba eletsang go a dirisa kana go tsena mo kgwebong e, gore ba oketse metswedi ya go dira letseno. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Amantle Onneng

Location : Radisele

Event : Potsolotso

Date : 26 Aug 2026