Salakae o ipolelela morafe wa Ghanzi

25 Aug 2026

Morago ga go ithola marapo mo khuduthamageng ya ga Tautona beke e fetileng, Tona wa pele wa lephata la dipalamo le mafaratlhatlha a dikago Rre Noah Salakae, o ne a ipha sebaka go etela morafe wa Ghanzi, go tla go buisana le bone matlho a phage a lebane gore ba tlhaloganye gore gare go tsene eng. 

Fa a buisa matshwititshwiti a a neng a tshologetse kwa kgotleng kgolo ya Ghanzi ka Mosupologo, Rre Salakae, yo gape e leng mopalamente wa kgaolo eo, o ne a tlhalosetsa morafe fa a sa robalelwa ke ditlhokwa mo tirong ya gagwe ya sepolotiki. 

Se se tla morago ga kitsiso e e ntshitsweng ke ba lekalana la twantsho tshenyetso setshaba lekgopelo  itsholelo beke e fetileng, e supa fa Rre Salakae le bangwe ba le barataro ba lebisitswe melato  ya tshenyetso setshaba, tiriso botlhaswa jwa ofisi ya puso, go dirisa modirelapuso go senyetsa setshaba le go tlhatswa madi.

 A re ka ntata ya dikgang tse, o ne a bona go le matshwanedi gore a bofe ditlhako a ikgate motlhala go tla go ipega mo banning ba kgaolo ka tshwetso ya gagwe, go fema ketsaetsego e a reng e tuketswa ke dikgang tse di sa rurifadiwang go tswa mo metsweding ya dikgang le mo mebileng.

A re tse tsotlhe ke tsela nngwe ya go mmopela kgomo ya mmopa.

 Rre Salakae o ne a itsise morafe fa a sale a tsogelwa ke mekubukubu le go maramariwa ka dikgang tsa tshenyetso setshaba selekanyo sa ngwaga le sephatlo.

“Ke ntse ke didimetse, ke reeditse ke lebeletse jaaka leina lame le gogagogiwa mo seretseng, mme nako e gorogile gore ke ikarabele mme gape ke lo itsise,” ga bua Mopalamente Rre Salakae.

 O ne a tlhalosa fa tshoso e rweleng mo madubadubeng a, e le mongwe wa babereki go tswa kwa lekalaneng la twantsho tshenyetso setshaba le kgopelo itsholelo, a tshwaragane le bangwe banni ba motse.  Le fa go le jalo, Rre Salakae o ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke ditsamaiso dingwe tsa makalana a itshireletso ao, a tlhalosa fa makalana ao a filwe boikarabelo jwa go sireletsa motswana mongwe le mongwe mme ka maswabi, a re bangwe ba dira tse di kgatlhanong le maikaelelo a makalana a.

 A re go dira jalo, go ka nna le ditlamorago tse di sa itumediseng mo setshabeng jaaka, go tlisa tlhobaelo le go latlhegewa ke tshepo mo tsamaisong ya molao. 

E re dikgang di eme jalo, o ne a itsise morafe gore o tsere tshwetso ya gore a itlhatswe leina a sa kgopakgopetsane le ditsamaiso tsa khuduthamaga ya ga Tautona.

 A re o ne a rolela Tautona Advocate Duma Boko ka maikaelelo a go itsheka a sa tshwara marapo a khuduthamaga e le tsela ya go dibela serodumo sa ofisi ya ga Motlotlegi Tautona. Mo dikgannyeng tse dingwe, o ne a tlatsa ka gore, e re ka jaana a le mo motlhaleng wa go itlhatswa leina, o ne a supa fa a na le dikgetsi tse pedi fa pele ga makgotla a ditsheko.A re kgetsi ya ntlha, ke e e tswang kwa lekalaneng la twantsho tshenyetso setshaba, e a reng e tla bitswa kgwedi eno, e le masome mabedi le boferabobedi kwa Gaborone. Kgetsi ya bobedi yone, a re e tla bo e itebagantse le tshenyo leina ke pampiri ya motswedi wa dikgang e e ikemetseng ya Tuesday Grill. A re tsheko eo, e tlaa reediwa ke lekgotla la Maun kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi le motso, a tlatsa ka gore o tlaa bo a emetswe ke babueledi go tswa kwa lefatsheng la South Africa mo dikgetsing tsotlhe. 

Ka jalo, o ne a kopa morafe go mo ema nokeng le go nna ka thitibalo ba ntse ba letile ditshwetso tsa makgotla a ditsheko go diragatsa molao ka fa go tshwanetseng ka teng. Mo mafokong a gagwe a malebo, Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Thabiso Kebadile, o ne a phophotha Rre Salakae legetla gore e re le ntswa a tsogetswe ke dikgang, o supile bopelokgale go ithola marapo mo khuduthamageng ya ga Tautona a bo a boa a tla go ipega mo morafeng o a o eteletseng pele. A re go dira jalo, go supa boeteledipele jo bo nonofileng le yone kelelelo ya dikeletso tsa batlhophi gore ba tshwanetse go itse ka dikgang go sa kgathalesege gore seemo ke sa sebopego sefe.Ka jalo, Rre Kebadile o ne a iteela kobo moroko ka go kopa banni ba kgaolo, gore dipelo tsa bone di se fuduege mme ba nne le tshepo le tumelo gore tlhabano e e ba lebaneng e tlaa bepa. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Ghanzi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Aug 2026