Mokgatlho o tla tshwara phuthego ya boeteledipele
25 Aug 2026
Mothusa motsamaisi wa mokgatlho o o ikemetseng, wa Independent Order of True Templars Mme Lesedi Ikgopoleng a re ba tlaa tshwara bokopano jo bogolo jwa go simolodisa kgaolo ya botlhano kgwedi ya Phatwe e le masome a mabedi le boferabongwe kwa Lobatse.
Mme Ikgopoleng o buile jalo mo potsolotsong le BOPA ka Mosupologo, a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o tlaa tshwara bokopano jwa ntlha ka maikaelelo a go simolodisa kgaolo ya botlhano e e akaretsang Botswana, Mafhikeng, Vryburg, le Namibia O tsweletse ka gore mokgatlho wa bone o ema kgatlhanong le tiriso ya bojalwa, le metsoko kgotsa diritibatsi tse di borai mo matshelong a batho.
o tladitse ka gore diritibatsi di tlhakatlhakantse matshelo a batho, le gore boitshwaro jwa baithuti kwa dikolong bo fetogile e bile bokamoso jwa bone bo a senyega, malwapa le one a a thubega.
Mme Ikgopoleng o boletse gore maikaelelo magolo ke go nna le tshaba e e sa nweng bojalwa e bile e sa dirise diritibatsi kgotsa ditagi tse mo nakong eno di apesitseng lefatshe kobo ka letshoba di akaretsa tiriso ya motokwane, katse le tse dingwe tse di borai. O tsweletse a bolela gore ba eletsa go busetsa motho mo setshwanong sa Modimo, a tlatsa ka gore ga ba eletse go bona motho ope a itshenyetsa botshelo le botsogo.
A re Modimo o fa batho ditiro gore ba bereke ba itshetse le ba malwapa a bone, e seng go ipolaya. Mme Ikgopoleng o boletse gore mo bokopanong joo ba Region 5 ba tlaa fiwa maele a go tsamaisa mokgatlho, ba buisana ba bo ba ithulaganya gore kwa pele baya jang morago ga go tlhongwa.
A re le fa gontse jalo ba akareditse ba botsogo bogolo jang ba botsogo jwa tlhaloganyo go bafa melaetsa ka tsa botsogo, le bogakolodi gore motho o ka bona thuso e fe, kae. Mo go tse dingwe o boletse gore motho mongwe le mongwe o gololesegile go tsena mokgatlho o, a tlatsa ka gore mokgatlho wa Independent Order of True Templers ga o ntshe batho mo dikerekeng tsa bone mme o rotloetsa batho go ikgolaganya le Modimo. A re mokgatlho o gape o rootlets boitekanelo jwa maloko kwa dikerekeng tsa bone. Mme Ikgopleng o boletse gape gore mokgatlho o tsenwa ke batho ba dingwaga tsotlhe.
O boletse gore go nna leloko motho o duela masome a mararo a dipula ka ngwaga mme go ikwadisetsa lefoko le ba tsamayang ka lone, gone go duelwa masome a ferang bobedi a dipula.
Mme Ikgopoleng o boletse gore morago ga bokopano ba tlaa ikgolaganya le ba lephata la thuto gotswa kwa moding, mme ba kope go etela dikolo ka go farologana ga tsone ka maikaelelo a go bontsha baithuti tsela ya botshelo, ba santse bale mo dingwageng tse di kwa tlase a gatelela fa “lore lo ojwa lo sale metsi”.
Mme Ikgopoleng a re maikaelelo a mokgatlho ke go aga le go dira bokopano jwa borre le bomme ba thapelo go sa kgathalesege gore motho ke wa letso lefe, kana maemo a fe. O tsweletse a tlhalosa gape gore maloko a tshwanetse go di goga kwa pele ba nne sekao mo ntweng kgatlhanong le tiriso ya bojalwa le ditagi. BOkhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 25 Aug 2026





