Maduo a Hereford ga a jese diwelang

25 Aug 2026

 

Mogokgo wa sekole se se botlana sa Hereford Mme Keatametse  Mokgatitshwane o gwetlhile batsadi go tshwaragana le barutabana, boeteledipele le ba–na–le 

seabe botlhe go tokafatsa maduo aa tswang kgakala a sa jese diwelang a sekole seo.

 O buile se mo potsolosong le BOPA bosheng a tlhalosa fa maduo a ngwaga oo fetileng a ne a le kwa tales ka 34.1% mme mo ngwageng ono ba itomile molomo wa tlase go dira ka gotlhe mo ba ka go kgonang go tokafatsa maduo ao.

 Mme Mokgatitshwane are mangwe a mabaka aa rotloetsang kwelo tlase ya maduo ke batsadi bangwe ba ba senang boikarabelo ka go tlhoka go tsenya letsogo mo dithutong tsa bana ba bone. 

Are mabaka a mangwe ke go tlhoka go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana (PTA), go tlhoka go tlhokomela bana kwa malwapeng ka bangwe ba bone ba felela ba phuaganya bana ba le nosi go ya go bereka kwa dipolasing mme se se swabisang go sena tlhokomelo ee eletsegang.

 O boletse fa sekole seo se butswe ka ngwaga wa 1984 mme bana botlhe go simolola ka Reception class)go ema ka lokwalo lwa bosupa ba le makgolo a mararo lemasome a le boferabobedi le bosupa mo ngwageng ono. 

Mogokgo o ne a supa fa go fitlha mo nakong ya gompieno ba ise ba itemogele dikgang tsa kgokgontsho kana botlhoka tsebe mo sekoleng seo fa e se bana ba ba tlhokang go tla sekoleng ka lebaka la go latela batsadi kwa dipolasing.

 Are ngwaga oo fetileng e le sekole ba ne ba ipeetse seelo sa 55%, mo maduong a lokwalo lwa bosupa mme dingwaga tse dingwe ba ne ba sa kgone go goroga fa ba lephata la thuto go tswa kwa moding bone ba ipeetse sa 70% e le kgaolo fa lefatshe ka bophara e le 80%. 

Mme Mokgatitshwane o ne a supa fa go ya pele gammogo le barutabana le batsaya karolo botlhe ba dumalane go tshwara study camp, bootcamp le ithutintsho ya mafelo a beke go leka go tokafatsa maduo a lokwalo lwa bosupa tse go tla kwalwang ditlhatlhobo tsa makgaola kgang ka kgwedi ya Phalane. 

Are gape maikaelelo a bone e le barutabana ke go bitsa phuthego ya kgotla gammogo le boeteledipele jaaka dikgosi, ba boipelego, komiti ya batsadi le barutabana le komiti ya ditlhabololo tsa motse go tla go buisana le batsadi go itharabologelwa ka seo se ka thusa mo tokafatsong ya maduo. 

Kgosi Olopeng Ramasesane wa motse wa Bray fa a bua mabapi le tsa borukutlhi o ne a supa fa go le pele ba ne ba tshwenngwa ke melato ya go tlodisa loruo le go tlola tereta ya molelwane e seng ka fa molaong go ya kwa South Africa mme mo ngwageng ono morago ga thuso ya mapodisi a Special Support Group (SSG) ka sefofane sa Drone seemo seo se ne sa kokobela.

 Kgosi Ramasesane o boletse fa motse wa gagwe o dikanyeditse ke dipolasi tsa batho basweu ka jalo go sena lefatshe le b aka fa ba ka lemang mo go lone go itshetsa ka jalo bontsi jwa batho ba gagwe ba itshetsa ka diatla go bereka mo dipolasing. 

Are mo nakong ya gompieno ka lebaka la bolwetsi jwa tlhako le molomo bangwe ba setse ba kgaotswe mo ditirong mme seo sa gakatsa lehuma le letlhoko la ditiro le le ileng magoletsa mo motseng oo mo ebileng matlho otlhe a lebile fela kwa ikgageng/ ipelegeng e le yone e thapang dipalo tse di tsenang fela mo seatleng. 

Lefa go ntse jalo o ne a supa fa ba setse ba le malala a laotswe go ipaakanyetsa boipuso jwa monongwga ka go shafatsa komiti ee tsamaisang mme tsholofelo e le gore bo atlege le go ketekwa ka kagiso. Kgosi Ramamsesane o ne a tlatsa ka go supa fa tsholofelo e le gore gongwe bolwetsi jwa tlhako le molomo bo tla a bo setse bo laolesega gore ba kgone go letlelelwe go tlhaba go ipelela letsatsi la leo..

BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : BRAY

Event : Potsolotso

Date : 25 Aug 2026