Breaking News

Ba Tutume ba tlhagisiwa ka bolwetsi jwa molafo

24 Aug 2026

Ba lephata la matlhoko a leruo kwa Tutume ba tlhagisa batho ka tlhagogo ya bolwetsi jwa molafo mo motseng wa Tutume.

 Ngaka ya leruo kwa lephateng la matlhoko a leruo kwa Tutume, Dr Elisha Nyakarobo o kopile barui ba dintsa le dikatse go di kentisa kwa lephateng leo.

O kopile gape gore barui ba dintsa ba di tswalelela mo malwapeng a bone kana go di golega go laola metsamao ya tsone. Dr Nyakarobo o tlhagisa batho go ela tlhoko maitsholo a diruiwa tseo, a re fa e se a tlwaelesegileng mo leruong la go nna jalo, ba begele ba lephata leo ka bofefo.

 O supile fa bolwetsi joo bo le borai ,ka jalo mongwe kana bangwe fa ba ka amana le seruiwa sa go nna jalo,ba bone ba bongaka nako e sale teng.

A re le yone nama ya seruiwa se se lomilweng ke ntsa ya molafo e borai thata go ka jewa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Potsolotso

Date : 24 Aug 2026