Breaking News

Maitseo a baithuti a a tshwenya

21 Aug 2026

Maitsholo a baithuti a tshwenya Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Mokgalo kwa Lecheng, Rre Moti Kwelagano a re boitsholo jwa baithuti, segolo jang basimane, bo batla go emelwa ka dinao. 

Sekole se, se amogela baithuti go tsweng ko metseng ya Poloka, Malaka, Matlhakola le Mokungwane, mme se. se raya gore bontsi jwa baithuti ba nna kwa sekoleng. 

Rre Kwelagano a re go bo baithuti ba tswa kwa metseng e e farologaneng, go baka gore ba itire digongwana go ya ka metse e ba tswang kwa go yone mme go nne le botlhoka tsebe jo bontsi. O buile se ka Laboraro kwa Lecheng, mo phuthegong ya batsadi le barutabana, go bua ka seemo sa baithuti. 

Rre Kwelagano a re baithuti ba, ba lwa ntwa e e matlho mahibidu ebile go dirisiwa dilo tse di borai jaaka ditshipi, dithipa, melamu le mantswe mme go felele go nna le dikgobalo tse di masisi. 

A re fa ntwa e simologa, baithuti ba bangwe ba e tsenelela ba tsaya letlhakore mme go tsoge ntwa e tona go ya ka semorafe mo go felelang go jweleletse mo baithuting botlhe mme go bake tlhakatlhakano mo sekoleng. 

Mogokgo o ne a supa fa baithuti ba bangwe ba felela ba siya kwa matlong a bone a borobalo, bangwe ba ipha naga mo sekgweng se se kitlaneng ka fa morago ga sekole fa ba bangwe ba siela kwa metseng ya bone e e kgakala le sekole ebile ba tsamaya ka dinao mme se se baye matshelo a bone mo diphatseng. 

Rre Kwelagano o supile fa barutabana ba felela ba tlogela tiro ya bone go ya go batla baithuti ba ka batsadi ba beile mo go bone go ba tlhokomela. A re fa ba tsena kwa malwapeng a bone ba bolelela batsadi dikgang tse e seng boammaruri mme go tlise dikgogakgogano gareng ga batsadi le bogogi jwa sekole. 

Mogokgo a re o simolotse go itshwaraganya le mapodise, mmaboipelego, kgosi, baruti le mokhanselara go leka go itepatepanya le seemo, le go thusa baithuti go tlogela maitseo a a makgasa.  A re go itepatepanya le seemo se ke go leka go lemotsha baithuti mosola wa thuto ka ba ikgatholositse thuto, bangwe go lebega ba sena dibuka, ba sa kwale, ba sa bale fa go tla nako ya ditlhatlhobo. O ne a supa fa baithuti ba tsaya nako e ntsi ba lwa, ba utswa le go tlhokela barutabana botho ba lebetse se ba se tletseng mo sekoleng. 

A re dintwa tse tsa baithuti di tsile go felela di amile maduo a bone ka le fa ba kgalemelwa ba sa reetse le fa o ba otlhaya ka go ba neela tiro ya diatla ba tswelela fela. 

Morutabana, Rre Joshuah Gaothobogwe, o gakolotse batsadi go tshwaraganela thuto ya bana mme ba seka ba baya mo barutabaneng fela ba le nosi. 

O buile a sa kgwe mathe ka bana ba basetsana ba ba buisanang mafoko a a botlhoko, a bosula a re go buiwe le bone ba emise go kgobana ka dipuo ba tlhoafalele thuto. 

Rre Gaothobogwe o gakolotse batsadi go bua le bana ka maitshwaro mme ba ba gakolole ka dinako tshotlhe go itshwara sentle le go tlhoafalela dithuto. O rotloeditse batsadi go ruta bana ba bone go tshela le ba bangwe sentle go itsa dintwa tse ba di simolotseng tsa semorafe. 

Rre Gaothobogwe o gakolotse batsadi go emisa go reetsa dikgang tsa bana tse di seng boammaruri mme ba ikgolaganye le bogogi jwa sekolo ka dinako tsotlhe. 

Fa a tswa la gagwe mogolwane wa tsa thuto mo kgaolong ya Palapye, Mme Segopoditso Selato o tlhalositse fa ba itse ebile ba tlhaloganyo seemo sa sekolo sa Mokgalo mme ba tla a tsenya letsogo ka go tsisa badisa dikago le go oketsa batlhokomedi ba bana. O tlhaloseditse baithuti fa moremogolo go betlwa wa taola wa motho o ipetla. 

A re ba itshekatsheke thata ba ipotse gore ba batla go nna eng mo sechabeng ka maitseo a a makgasa a sa busetse sepe. Motsadi, Mme Lilian Sekgore a re o lemogile fa go emisiwa ga thupa kwa dikoleng e le gone go dirang baithuti gore ba tlhoke maitseo phetelela a supa fa bana ba ba le lenyatso le fa ba kgalengwa ba sa reetse. 

O kopile bagolwane ba tsa thuto go sekaseka kgang e mme go boelwe kwa segologolong sa go otlhaya baithuti ka thupa gore ba tsene mo tseleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Amantle Onneng

Location : Lecheng

Event : Phuthego ya batsadi le baithuti

Date : 21 Aug 2026