Ofisi ya ga Mosireletsi e tlhalosa ka ditirelo
21 Aug 2026
Ene ya re bosheng ofisi ya ga Mosireletsi ya isa thuto kwa banning ba kgaolo ya bokone botlhaba ka ditirelo tsa yone le ka ditsela tse setshaba se ka ikgolaganyang le yone ka tsone.
Mo phuthegong ya kgotla e neng e tshwaretswe kwa Masunga bosheng, badiri ba ofisi eo ba tlhalositse fa boikarabelo jwa ofisi e le go tlhotlhomisa dingongorego tsa badirelapuso le tsa setshaba tebang le tshokamo e e ka tswang e diragala mo maphateng a puso le a a ikemetseng.
Ba boletse gape fa ba itebagantse le dikgang tsa ditshwanelo tsa setho ga mmogo le tsa bana, go netefatsa gore ditshwanelo tsa motho mongwe le mongwe ga di gatakwe ka gope.
Fa a tswa la gagwe moeteledipele wa ofisi ya ga Mosireletsi Advocate Stephen Tiroyakgosi o boletse fa ba netefatsa gore maphata ka go farologana a dira dilo ka tshiamo, ka tekatekano le gone go di direla mo pontsheng.
A re fa go na le ngongorego, ba dira dipatlisiso tsa bone ntle le go sekamela ntlheng epe.
A re keletso ya ofisi ke go thusa batho ntle le tiego epe, a re fela sebe sa phiri ke go bo maphata mangwe a diega go ba neela dipego fa di tlhokega, a tlatsa ka go supa fa bobotlana jwa bodiredi jwa ofisi e le sengwe sa dilo tse di bakang gore ba seka ba tsibogela dikgang ka nako e setshaba se e solofetseng.
Advocate Tiroyakgosi o ne a supa maphata mangwe ka monwana tebang le go goga dinao go diragatsa ditaelo tsa Mosireletsi.
O bile a supa fa ofisi ya ga Mosireletsi e nale diofisi di le nne fela lefatshe leno ka bophara kwa Gaborone, Tsabong, Maun le Francistown, a re ka jalo seo se baka gore diofisi tseo di tlamele dikgaolo di le mmalwa mme go bo go dira gore ba seka ba kgona go dira dipatlisiso ka nako.
O ne a supa gape fa seo se baka gore setshaba se kokonelwe ke mosepele wa go etela diofisi go isa dikgang. Le fa go ntse jalo, Advocate Tiroyakgosi o ne a gwetlha setshaba go seke se ipona tsapa go pega dikgang tsa bone, a ba gakolola gore fa ba nale dikgang tse di lebaneng ofisi ya ga mosireletsi, ba di romele kwa diofising dingwe tse di maleba jaaka kwa kgosing, ofisi ya mopalamente, mokhanselara le diofisi tse dingwe tse di maleba, pele ba di fetisetsa kwa go bone.
Mo go la gagwe, mothusa-moeteledipele wa ofisi ya ga Mosireletsi, Mme Beaula Mguni le ene fela jalo o ne a tlhalosetsa morafe fa diofisi tsa bone di ba bulegetse go ka amogela dikgang tsa bone ntle le tefo epe.
O boletse fa go dira dilo ka tshokamo mo maphateng a puso le a a ikemetseng e le go gataka ditshwanelo tsa setho, a supa botlhokwa jwa gore maphata a thuse bodiredi jwa one le setshaba ka ditsamaiso tse di siameng.
O bile a gakolola ba ba nang le dingongorego go ala dikgang tsa bone ka botlalo ka mokwalo le go ntsha masupi otlhe a a tlhokafalang, a tlatsa ka go supa go le botlhokwa gore ba bege dikgang tsa tshokamo gore di lwantshiwe go itsa gore seemo seo se jwelelele.
Moeteledipele wa ofisi ya ga Mosireletsi kwa Francistown, Mme Constance Letswalo o gwetlhile badirelapuso go thusa batho ka tekatekano ntle le go ba kala go ya ka seemo sa bone sa itsholelo kgotsa ka sepe fela se se ka nyenyafatsang seriti sa motho.
Mme Letswalo o ne a ba gakolola gore fa ba diretse setshaba phoso, ba nne ba ikoba, ba ikopa maitshwarelo go nale go dirisa maikutlo, a supa fa ditsamaiso dingwe tse di sokameng mo diofising di baka gore puso e latlhegelwe ke madi.
O bile a supa botlhokwa jwa gore ba nne ba tsaya tsia megopolo e e ntshiwang ke setshaba go nale gore ba e lebe ekete ke ya go ba nyenyafatsa, a re ba e tlhotlhe mme ba dirise e ba bonang e ka ba isa golo gongwe.
Kgosi Maruje III Masunga o ne a gatelela botlhokwa jwa ditshwanelo tsa setho, a re di tshwanetse tsa akolwa ke mongwe le mongwe go sa kgatlhalesege letso le mmala wa gagwe.
Kgosi o ne a supa botlhokwa jwa gore ofisi eo, e okelediwe dithata e bile e nne le makalana otlhe a a itebagantseng le go dira ditlhotlhomiso ka dikgang ka go farologana ga tsone.
O supile fa go le gantsi setshaba se isa dingongorego dingwe tsa bone kwa go bone mme ba sena dikarabo tsa tsone.
Kgosi Maruje III o gwetlhile setshaba go dirisa ofisi ya Mosireletsi go isa dingongorego tsa bone go na le go swa senku. Le fa go ntse jalo o ne a supa go tshwenyega tebang le maphata mangwe a a santseng a thusa kgaolo ya bokone botlhaba a le kwa Francistown, a re seo se kokonela morafe wa kgaolo.
Banni ba ne ba supa fa loeto la ofisi ya ga Mosireletsi le ba butse matlho le go ba neela lesedi la kwa ba ka begang teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Aug 2026







