Breaking News

Bangwaketse ba isa mabele a dikgafela

19 Aug 2026

E tlaabo e le semphete ke go fete ka Labotlhano kwa Kanye, dikgotla tsa motse di isitse dikgafela kwa kgosing. Tiro e, ke go leboga le go isa kopo kwa go kgosi, go kopa Ramasedi go bula magodimo gore pula e ne. 

Modulasetilo wa komiti ya dikgafela, Rre Tshegofatso Mere, o supile fa dikgotla tsotlhe kwa Kanye di tlaa isa mabele kwa kgotleng kgolo, a rwelwe ke bomme ka ditlatlana. O tlhalositse fa mabele a mangwe a tlaa busediwa kwa dikgotleng, go ya go inelwa go dira momela o o tlaa dirisiwang go bedisa bojalwa jwa Setswana. 

E tla a re Lwetse a le malatsi a masome mabedi le botlhano, bomme ba rwale bojalwa ka dinkgwana go bo isa kgosing mme e re morago bo ye go nowa kwa dikgotleng ka go farologana, go leboga Ramasedi. Bomme ba tlaabo ba apere kapari ya ngwao ya Sengwaketse, borre ba tshwere dikala tsa setlhare sa moologa, go opelwa dikoma bo maphotshophotsho kana mogogoga. 

Maphotshophotsho ke koma e e supang gore pula e e namagadi e tlaa na, fa mogoga e le e e kopang pula kwa go Ramasedi. Dikgafela tsa bofelo go tshwarwa ke ka 2023. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Thandy Tebogo

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 19 Aug 2026