Baithuti Ba Malala a laotswe
19 Aug 2026
Baithuti ba lekwalo la bosupa kwa sekolong se se botlana sa Mapulane kwa Moremi ba sidilwa maikutlo jaaka ba itlhokoletsa ditlhatlhobo tsa makgaolakgang tsa lekwalo la bosupa. Mogokgo wa sekole, Rre Ernest Seane o gateletse botlhokwa jwa go dira tsotlhe go baakanya baithuti, gore ba kgone go kwala ditlhatlhobo ba wetse maikutlo.
O buile jalo ka Labotlhano, jaaka moitlhaopi, Rre Kgotso Tshenyego a ne a tsweletse ka tiro ya go baakanyetsa baithuti go kwala ditlhatlhobo.
Rre Tshenyego, ke sealogane sa unibesithi ya Botswana, a ithutetse go sidila maikutlo le bogakolodi, mme a kile a direla mo sekolong se ka nakwana e le morutabana. Rre Seane a re o dumela gore se baithuti ba se anywileng mo go Rre Tshenyego se tla a ba thusa go tsena mo ditlhatlhobong ba tsepame , ba sa boife sepe.
A re baithuti fela jaaka motho mongwe le mongwe, ba ralala dikgwetlho tse di farologanyeng tse di ka amang maikutlo a bone.
A re go sidilwa maikutlo go thusa motho gore a lwantshe sepe se se ka mo emang pele, ka jalo a kgone go diragatsa maikaelelo a gagwe.
O kopile baithuti go tsaya se ba se rutiwang ka tlhoafalo, a tlatsa ka gore go ya ka tebo ya gagwe, baithuti ba rutilwe boitshwaro jo bo lolameng. A re sekole se tla a tsenya leitlho mo baithuting gore ba seka ba latlha tse ba di tlhatlheletsweng.
Morutuntshi wa baithuti, Rre Tshenyego a re baithuti ba le bantsi ga ba dire sentle mo ditlhatlhobong tsa bone tsa makgaolakgang mme e se gore ga ba abelwa, ba dirwa ke letshogo la gore ke la ntlha ba kwala ditlhatlhobo mo seemong se se sisibetseng jalo, ka jalo bangwe ba felelwe ke tshepo. Morutabana wa lekwalo la bosupa, Mme Bafentse Oitsile a re o solofela fa baithuti ba tla a dira ka natla go fenya dithuto tsa makgaolakgang ka maemo a a kwa godimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Moreme
Event : Phuthego ya baithuti
Date : 19 Aug 2026







