Breaking News

Kgosi e tlhophiwa ke morafe -Motshegwa

19 Aug 2026

Go tlhongwa ga dikgosi ke boikarabelo jwa merafe, ba tlhopha yo o tshwanelwang ke go tshegetsa maemo a bogosi ba lebile ditso tsa merafhe eo. Se se boletswe ke tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao Rre Ketlhalefile Motshegwa fa a buisa phuthego kwa Makuta kwa kgaolong ya Tutume ka Labotlhano. 

O tlhalositse fa seabe sa lephata la gagwe mo go tlhongweng ga dikgosi e le go tlhomamisa kgosi e morafe e mo itlhophileng, ka jalo gangwe le gape ba gakolola metse go dira dithulaganyo tsa go kwala ditso tsa metse ya bone gore le boseyong jwa ba ba di itseng, go bo go na le fa di kwadilweng teng go ba kaele tsela e e tshwanetseng ya tsewa. A re seo se tlaa thusa go tila ketsaetsego le go lwelwa ga bogosi mo metseng jaaka go ntse go diragala mo dikgaolong ka go farologana. 

Rre Motshegwa o ne a tlhalosa gore go ya ka mekwalo kwa ofising ya gagwe, go supage fa motse wa Makuta o ne wa tlhatlosiwa maemo go ikemela ka 2005, ka jalo o sa tlhole o le ka fa tlase ga Nswazwi, mme seo se ba fa tshwanelo ya go itlhophela kgosi. Tona o ne a supa go tla ga gagwe go sala morago potso e mopalamente wa kgaolo ya Nkange Rre Motlhaleemang Moalosi a neng a e botsa kwa palamenteng mabapi le ngongora ya morafe wa Makuta ya go tlhoka go fiwa phetolo ya lekoko le le neng la rongwa ke tona wa pele wa lephata go tla go rerisana le bone ka kgang ya bogosi jwa motse wa bone ka 2019. 

A re go ya ka ditshekatsheko tsa lekoko, go ne ga supafala gore bogosi jwa motse wa bone bo lebanye Kgosi Alakanani Thabiwe, yo e leng ene kgosi ka nako eno, mme bo ne bo sa lebana Rre Waniwa Macheka jaaka bangwe ba ne ba supa. Ka jalo tona o ne a tsaya tshwetso ya go rurifatsa Kgosi Thabiwe go ya ka molao wa bogosi go nna ene kgosi jaaka morafe o supile. Fa ba tswa la bone banni ba Makuta ba ne ba supa fa ba sa itse fa go na le dikgang dipe tse di amang go nna mo setilong ga ga Kgosi Thabiwe tse di saletseng kwa morago. 

Rre Lawrence Mabikwa, yo a leng modulasetilo wa pele wa komiti ya ditlhabololo tsa motse o supile fa motse wa bone o sena ngongora epe e e amang bogosi e bile ba ne ba sa kopa tona go tla go ba buisa ka sepe sa bogosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goitsemodimo Williams-Mazonga

Location : Makuta

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Aug 2026