Breaking News

Tirisano mmogo phunyeletso ya temo thuo

18 Aug 2026

Tirisano mmogo gareng ga balemi go ka godisa dipoelo tsa bone le go ba bulela dikgoro go phadisana le dikhamphani tse di kgolwane.

“Balemi ba le fano le balemi ba tlhwatlhwa, thobo ya lona ke ya maemo a a kwa godimo, mme le tlhoka gore le ikgobokanye le neelane maele. Phomelelo e ka bonala fela fa lo ka dirisana mmogo, gagona yo o tlaa phunyeletsang a batla go bereka a le esi,” mookamedi wa tsa temo kwa kgaolong ya Serowe, Rre Kenneth Mabote, a kgothatsa.

O ne a bua kwa ditshupong tsa balemi barui ba kgaolo ya Serowe bosheng, a tlhalosa fa seemo kwa kgaolong eo se nametsa.

Moono wa ditshupo e ne e le go lemotsha balemi barui gore ba na le bokgoni jwa go jesa setshaba, le go ba ruta mosola wa go dirisana mmogo le go ikopanya mo mererong ya temo ya kgwebo.

Rre Mabote o gakolotse balemi barui go sa kgobiwa marapo ke bolwetsi jwa tlhako le molomo, mme ba dirise nako e  go kabakanya thuo, ba akanye go ruwa mebutla, sika loo nonyane jaaka dikoko, kalakuma le thuo ya dinotshi. Mookamedi wa Foods Botswana, Rre Oaitse Goitsemang, e ne o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno, mabele le mmidi o o mosweu di rekwa kwa ntle ga Botswana ka balemi ba sa kgone go ntsha thobo e e ka jesang lefatshe. 

A re Botswana o iphitlhela e reka mabele kwa Ukraine mme se, se ngomola pelo ka gore Batswana  ebile ba na le bokgoni, bothata e le go tlhoka tirisano mmogo ga balemi, le go lemela go jela mo ganong.

Rre Goitsemang o kopile balemi go itshekatsheka le go simolola go itsaya tsiya, a bolela fa nako e gorogile ya gore temo thuo e supe gore ke yone pinagare ya setshaba.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti e tona ya balemi barui, Rre Lerothodi Baruti, o kgothaditse balemi barui go dirisa mananeo a a leng teng go tokafatsa temo thuo, a bo a ba rotloetsa go dirisana le balemisi gore ba kgone go kala gore thobo ya bone e mo selebegong se fe, a ke e e ka phadisanang le tse di rekisiwang mo mmarakeng.

Mofenyi wa letsatsi mo go ba ba neng ba tseneletse ditshupo, Mme Elizabeth Mabaila, a re bopelotelele le go batla go ithuta di mo rotloetsa go sa ineela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keamogetse Setilo

Location : Serowe

Event : Ditshupo tsa balemi-barui

Date : 18 Aug 2026