Ba kopilwe go ema kgatlhanong le kgokgontsho ya bong
18 Aug 2026
Tharabololo ya dikgang tsa kgokgontsho ya bong e tlhoka tshwaragano ya boeteledipele jwa motse le setshaba ka kakaretso.
Seo se builwe ke mookamedi wa KDM Global, Dr Koziba Malibala morago ga mogwanto o kgatlhanong le kgokgontsho ya bong kwa Tutume bosheng.
Dr Malibala a re tshwaragano e ka dira gore go lemogwe se se bakang kgokgontsho le go tswa ka metlhale ya go e lwantsha.
O tsweletse a re tshwaragano ya bana-le-seabe e ka thusa thata mo kgodisong ya ngwana wa mosimane, gore a kgone go ntsha matshwenyego kana sepe se se mo tshwenyang le go mo ruta go laola maikutlo.
Dr Malibala a re tshwaragano e ka thusa banni gore ba kgone go thusa ope yo o ikuelang ka kgang ya kgokgontsho ka go ntsha bogakolodi, go reetsa batswa-setlhabelo le bakgokgontshi go sa tsewe letlhakore.
A re kgokgontsho e ama mongwe le mongwe, ka gore borre bangwe ba kgokgontshiwa ke baratani kana basadi ba bone, fa basimane le bone ba kgona go dirisiwa botlhatswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.
Dr Malibala a re manokonoko a kgokgontsho ga a tlhaole batho ka bong, ka jalo a ama batswa-setlhabelo ka go tshwana. A re botlhe ba ba kgokgontshitsweng ba tlhoka pabalesego le tshidilo maikutlo.
Dr Malibala a re bana ba basimane ba gola ka kitso ya gore ngwana wa mosimane ga tshwanela go lela, ke monna tia, kana mogaka ka jalo ga tshwanelwa go itshupa bokoa e bile ga tshwanela go lesa ope a mo gataka.
A re thuto e basimane ba golang ba e rutwa e ba bolaya ditlhaloganyo mo ba sa kgoneng go tswela kwa ntle fa ba na le mathata. O boletse fa go swela mo teng ga ngwana wa mosimane go felela go tsala tshakgalo e ntsi mo go ene, a felele a kgokgontsha ba a tshelang le bone.
Dr Malibala a re thuto e e fiwang bana ba basetsana ya gore mosadi o tshwanetse go babalela lelwapa ka go bipa diphiri tsa lelwapa e ba sira tlhaloganyo go dibela kgokgontsho.
A re gape batho ba tshwanetse go thusa batswa-setlhabelo go re ba kgone go ikamogela, ba kgone go tshela ba sena poifo le go tsweledisa botshelo ba sena letshogo ka se se kileng sa ba diragalela.
Dr Malibala are fa mongwe le mongwe a ka fetola tlhaloganyo le boitsholo, mmaba yo go tweng kgokgontsho ya bong o ka fenngwa.
A re seo se ka diragala fela fa batsadi, boeteledipele jwa motse le banni ka kakaretso ba ka godisa bana ba bone sentle, mo lefelong le le babalesegileng go sena kgokgontsho, ebile ba tsaya ditshwetso tse di tla sireletsang batswa-setlhabelo.
Mokhanselara wa Tutume botlhaba, Rre Dema Thani, o lebogetse boeteledipele jwa motse go bo ba tsibogetse dikgang tsa kgokgontsho ya bong ka go dira mogwato go tsibosa setshaba.
Rre Thani a re kgaolo ga ya robalelwa ke ditlhokwa ka dikgang tsa kgokgontsho ya bong tse di golelang pele tsatsi le letsatsi.
A re go botlhokwa gore ba ba kgokgontshang ba amogele thuto e ba e fiwang, ba ikage sesha mme a rotloetsa batswa-setlhabelo ba ba ntseng ba tshaba go ikuela go tswela kwa ntle gore ba bone tshireletso e e maleba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Mogwanto
Date : 18 Aug 2026





