Breaking News

Tiriso ya sego le phafana e nyelela ka monokela

18 Aug 2026

Phafana le sego, tse di kile tsa bo di tlotlwa mo malobeng, go lebega di nyelela ka iketlo ntateng ya ditlhabologo.

Bogologolo, phafana e ne e dirisiwa thata go nwa bojalwa jwa setswana fa sego sone se ne se dirisiwa go nwa metsi mme mo nakong eno, tsotlhe ga di sa tlhole di bonala jaaka pele.

Mo gongwe di bonala kwa manyalong kana mo meletlong fa go dirilwe bojalwa jwa setswana, kana mo mafelong a bojanala go kgabisa kana go ruta bajanala ka ditso tsa Batswana, mekgabisa mo matlong kana kwa meletlong ya ngwao.

Le fa go ntse jalo, go na le bangwe ba ba sa eletseng go bona didirisiwa tsa mofuta o di nyelela.

Rre Kedidimetse Sehunelo wa dingwaga tse masome a marataro, ke mongwe wa batho bao.

O dira mefuta e e farologaneng ya digo le diphafana, kwa kgotleng ya Boikago kwa Palapye.

Rre Sehunelo a re o gwetlhilwe ke go bo a ne a na le nako e ntsi mme go se sepe a se dirang go dira madi, kakanyo ya mo tlela go dira diphafana le digo.

A re o ne a tlhobaela gore a mme batho ba tlaa kgatlhegela dilwana tsa gagwe, a simolola ka go sega diphafana le digo di se kae, tsa rekwa, batho ba kgatlhega ba tla kwa go ene gore a ba direle.

Fa a tlhalosa tiro ya gagwe, a re lerotse le le dirang digo le diphafana o le tlogela le gola mo tshimomg le bo le butswa le omelela, morago a le phunye a bo a le apaya.

Go tsweng foo a re o le ntsha dithotse le gotlhe mo go mo teng a bo a le omisa gore le nne thata. 

A re o tlaabo a le gotlha mo teng gore le nne borethe.

O tlhalositse fa marotse a a dirang digo le diphafana a farologana ka dipopego.

‘’Le lengwe le kgona go tsaya popego e nka segang sego mme le lengwe le kgona go tsaya popego e nka segang phafana ka lone,” Rre Sehunelo a tlhalosa.

A re o kgona go direla bomme mo ba tsenyang manyena kana tse di kgabisang mo teng le go direla borre ba ba gogang motsoko mo ba latlhelang molora mo teng.

Digo le diphafana tse, a re bangwe ba di rata di kgabisitswe ka kwa ntle fa ba ba bangwe ba di rata di rethefaditswe, di sena mekgabisa.

Rre Sehunelo a re botsipa jo, o bo ithutile mo go nkukuagwe, yo a neng a le setswerere sa go dira dinkgwana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Potsolotso

Date : 18 Aug 2026