Sengaparile Se Ka Tokafatsa Matshelo
17 Aug 2026
Sengaparile ke semela se se tlwaelesegileng go mela mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, mme go tswa goo- lowe banni ba koo ba itshetsa ka sone ka go se rekisa ngwaga le ngwaga mme ba kgone go oba letsogo go itshetsa, ga mmogo le ba malwapa a bone.
E rile bosheng motswedi wa BOPA o ne wa etela kwa Maralaleng mo Kgaolong eo kwa ba fithetseng bomme le borre ba eme ka dinao go bapala sengaparile ba supa fa theko ya sone e setse e le botoka fa ba tshwantshanya le nako e e fetileng e ba reng bareki ba ne ba ba ja ntsoma fela ka theko e e kwa tlase.
Mongwe wa babapadi ba Sengaparile Mme Tshiamo Chaobane (44) o ne a tlhalosa fa e le la ntlha ngwaga ono a simolola go e bapala morago ga go kgothadiwa ke mokapelo wa gagwe ka go dira theko e e botoka ngwaga yo o fetileng.
O boletse fa a ne a kgatlhega thata, a re o simolotse go se bapala kgwedi e e fetileng ya Phukwi, a re mo nakong eno ba setse ba dirile dikgetsi tse di fetang botlhano tsa Sengaparile tsa 50kg.
Mme Chaobane o ne a tlhalosa fa go bapala Sengaparile go tlhoka bopelotelele le lorato ka gore go bapalwa ga sone go dikgwetlho ka jaana se epiwa boteng kwa tlase ga lefatshe mme e bile go dirisiwa didirisiwa di akaretsa Peke, Garawe le tse dingwe go thusa tiriso ya diatla go epa.
O boletse fa semela seo se latelwa kgakala mo nageng mme ba goroga koo ka go dirisa dipalamo jaaka sekotsekara, dikoloi, go pagama ditonki le go tsamaya ka dinao, fa nako tse dingwe ba se tsamaela letsholo ka go nna malatsi ba le koo.
Mme Chaobane o ne a tlhalosa fa morago ga go epa ba se segelela mme morago ba se omise, ke gone jaanong se ka rekisiwang ka nako ya thekiso e ba e itsisiwang ke ba lephata la dikgwa le dibapalwa nageng ba e leng bone ba ba neelang gape setlankana sa go epa.
O boletse gore maikaelelo a bone le mokapelo wa gagwe ke gore morago ga thekiso ya sengaparile ba simolole go kokotletsa madi gore ba kgone go nyalana semmuso morago ga go tshela mmogo ka lobaka.
Mo nakong tsa maloba go epa sengaparile go ne go tlwaelesegile e le tiro ya bagolo mme jaanong nako e gorogile gore banana le bone ba kgatlhegele go se bapala e le tsela nngwe ya go itshetsa bogolo jang ba ba sa kgonang go fetela kwa dikoleng tse dikgolwane kana tsa ithutelo ditiro.
Mongwe wa banana Mme Goitsemang Rabatho (23) go tswa Maralaleng o ne a tlhalosa fa le ene a ne a ithuta mo batsading ba gagwe go bapala Sengaparile mme a lemoga fa a ka kgona go oba letsogo go ithekela tse a di tlhokang go imolola morwalo batsadi.
O boletse gore morago ga thekiso ya Sengaparile fa a ka dira madi a a botoka o eletsa go ipulela kgwebo ya semausu go tokafatsa botshelo jwa gagwe.
Mme Elizabeth Kgotshane, mongwe wa babapadi ba sengaparile ba ba popota go tswa Omaweneno, o ne a tlhalosa fa a ithutile bogologolo go tswa mo batsading ba gagwe ba ba seong mo botshelong mme a nna le kgatlhego le ntswa mo nakong eo theko e ne e le kwa tlase.
A re ka nako eo bogologolo, batsadi ba ne ba se rekisetsa fela go tsenya bana dikole le gone go reka dijo mme fa a tshwantshanya le nako ya gompieno e le kgwebo e e ka tlhabololang le go tokafatsa matshelo a Batswana go ya pele.
Mme Kgotshane o ne a tswelela ka go tlhalosa fa e ne yare ka ngwaga wa 2020 a simolola go bapala sengaparile go fitlha 2023 mme a dira dipoelo tse di fetang dikete tse di masome a mabedi le bone (over P24 000.00). A re madi ao a ne a tokafatsa botshelo jwa gagwe go ithekela dilwana tsa ntlo le go tlhokomela bana ba gagwe ka a sa bereke.
A re ka ngwaga wa 2024 le 2025 o ne a seka a kgona go se bapala ka ba ne ba sa kgona go neelwa diteseletso ka mabaka a ba belaelang gore se ne se bapetswe thata ka jalo ba lephata la dikgwa le dibapalwa nageng ba emisa gore se ka nyelela , mme ka jalo ba se fa sebaka gore se tle se tlhoge gape. Ka nako ya potsolotso bosheng, Mme Kgotshane o ne a supa fa e sale a tsogile mo mosong a le mo sekgweng go lata kwa se leng teng ga mmogo le ba bangwe mme ngwaga ono maikelelo e le go se bapala go gaisa dingwaga tse dingwe. Tsholofelo ke gore ba tlaa dika ba orile molelo wa mariga fa se ka bona theko e e botoka.
O boletse fa dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le bokgakala jwa kwa ba se bapalang teng, borai jwa digagabi jaaka diphepheng fa ba ntse ba epa mo mmung, go nna le magotsane mo diatleng ,morwalo oo bokete wa sone ka gantsi ba tsamaya ka dinao, ga mmogo le tiro e nngwe e ntsi go fitlhela se nna mo seemong sa go ka rekisiwa.
Mme Kgotshane o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba simolola go se bapala ka kgwedi ya Motsheganong go ema ka ya Phatwe, se bo se nyelela go bonala, a supa fa se tlhoga se le sentsi fa pula e nele e le ntsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Maralaleng
Event : Potsolotso
Date : 17 Aug 2026




