Barui Ba Iphema Tlhako Le Molomo
17 Aug 2026
Barui ba galaleditswe ka maiteko a bone a go supa mowa wa boipelego le go ema puso nokeng mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jwa tlhako le molomo.
Fa a lemoga maiteko a Mothusa-tona wa Lephata la Lefatshe le Temo-Thuo Rre Motsamai Motsamai o akgoletse barui ba Gasita le Lorolwane mpho ya bone ya mapako a le lekgolo a tlaa dirisiwang go aga terata ya taolo Matlhoko a leruo.
Tona Motsamai a re puso e amogela dithuso ka go farologana tse di ka thusang mo tirong ya kago ya terata eo, a re dithuso tsotlhe di botlokwa ka di fefosa mosepele kgatlhanong le bolwetse jwa tlhako le molomo.
Le fa go le jalo, o kgadile thata bangwe ba a reng ba tshwenya ka go lopa go bulelwa ga metsamao le thekiso ya nama a re ba tlhoka boikarabelo.
O ne a sedimosa fa thulaganyo ya go aga terata e solofetswe go wela kgwedi ya Phatwe e ya fifing.
A re se se ka kgonagala fa botlhe ba ka ema ka dinao go ema nokeng tiro eo.
“Maikaelelo ke gore tiro ya go thibela bolwetse le go bo lwantsha e wele fela jaaka go kgonagetse kwa Bokone botlhaba ja lefatshe leno”, ga tlhalosa Rre Motsamai.
Mothusa tona o supile fa lefatshe la Botswana le na le maikaelelo a go aga tirisano mmogo fa gare ga lone le la Aforilka Borwa gore mafatshe oo-mabedi a nne le thulaganyo e e tsepameng ya go kentela boletse jwa tlhako le molomo.
Rre Motsamai o boletse fa go lwantsha bolwetse go tlhoka go direla dilo mo pontsheng go bontsha ba tsayang ditshwetso tsa mebaraka ya theko le thekiso ya nama tlhhwafalo le boammaruri mo ntweng kgatlhanong le tlhako le molomo.
Fa a ntsha la gagwe mo boemong jwa barui ba Gasita le Lorolwane, Professor Keitseope Nthomang o ne a supa fa go tswa bogologolo Batswana e le batho ba ba tlotlang mowa wa boipelego.
Professor Nthomang o boletse gore le ntswa go ntse go buiwa ka methale ya itshetso e mengwe, kgomo ke yone itshetso ya bone mme jaanong e gomagomediwa ke go ba tswa diatleng ka ntlha ya bolwetse jwa tlhako le molomo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : Kabo Dimpho
Date : 17 Aug 2026





