Breaking News

Ba Nlapkwane Ba Akgoletswe Mowa Wa Boithapo Le Boipelego

17 Aug 2026

Kgosi ya motse wa Nlaphwane kwa kgaolong ya bokone botlhaba, Kgosi Mukani Mudongo o iteetse morafe wa gagwe legofi tebang le maiteko a ba a dirang a go tsosolosa le go leka go tshegetsa mowa wa boithaopo le boipelego.

Mo potsolotsong, Kgosi Mudongo a re o itumelela ka fa banni ba motse wa gagwe ba nnang seoposengwe ka teng fa go nale tiro nngwe mo motseng e e tlhokang gore ba tsenye letsogo mo go yone.

 A re go supa gape fa morafe wa gagwe o tsaya tsia mowa oo wa boithaopo le boipelego, ka ebile gangwe le gape ba dirisa ditsabone mo ditirong dipe fela tsa motse.

A re bosheng jaana go sena go tlhagoga bolwetse jwa Tlhako le Molomo mo dintlheng dingwe tsa kgaolo eo, banni ba Nlapkwane ba ne ba seka ba ipona tsapa mme ba ema ka dinao, ba ithaopela go baakanya terata ya thibelo matlhoko a leruo e e ka kwa molelwaneng wa lefatshe leno le la Zimbabwe go lebagana le motse wa bone.

A re banni ba ne ba itlama go anapa dikgwatlha tsa bone mme ba kgobokanya P7,000 go thusa lekoko le le mo tirong eo ya go baakanya terata gore le kgone go oba letsogo fa ba le mo tirong eo. 

A re banni ba dira seo ka maikaelelo a go leka go thibela kanamo ya bolwetsee, a re mme sebe sa phiri ke go bo ditlou di ba emisa ka leoto le le lengwe ka di kgaola terata eo gangwe le gape.

 E ntse e le mabapi le thibelo ya bolwetse jwa Tlhako le Molomo, Kgosi Mudongo o akgoletse morafe go sala morago ditaelo tsa go itsa kanamo ya bolwetse.

Le fa go ntse jalo, a re ka motse wa bone o bapisitse molelwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe, o bete se molangwana ka barui bangwe ba ba santseng ba goga dinao go tlhatlhela dikgomo tsa bone, go itsa gore di nne le kgonagalo ya go amana le tsa Zimbabwe kgotsa tsa tlolela ka kwa.

Mo go tse dingwe, Kgosi Mudongo o supile fa motse wa bone o santse o robaletswe ke ditlhokwa tebang le ditiragalo tsa borukutlhi, a tlhalosa fa maduo ao a bakwa ke go bo banni ba itlamile go bepisa seemo sa borukutlhi mo motseng ka go bopa ditlhophana tsa ntebele ke go lebele le go tshwaragana le mapodisi. 

Fa a itebaganya le boitshwaro mo motseng segolo bogolo a remeletse mo bananeng, Kgosi Mudongo o boletse fa boitshwaro e le jo bo nametsang ka jaana go sena ditsheko tse di kalo tse di kwadisiwang mo kgotleng ya gagwe e le tse di amanang le go inaakanya le ditiragalo tse di sa amogelesegeng.

O supile fa letshwenyego fela le banana ba motse wa gagwe ba lelang ka lone e le la letlhoko la mebereko.  

Kgosi Modungo o ne a wetsa ka go gwetlha morafe wa gagwe go tshegetsa mowa oo wa boithaopo le boipelego, a re o ka thusa go isa motse wa bone golo gongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Nlapkwane

Event : Potsolotso

Date : 17 Aug 2026