Balemi ba akola thobo
13 Aug 2026
Dipula tse di namagadi tse di neleng mo pakeng ya temo e sa tswang go feta, di tsisitse monyenyo mo baleming ba masimo a Marujwane, Madijwane le Sephephe gaufi le Mabeleapudi, jaaka ba bolaile thobo.
Bontsi ja balemi ba boleletse mo potsolotsong fa ba bone thobo e ntsi ya mmidi, marotse le dinawa mme ba kgonne go itirela dijo mo malapeng le go rekisa bontlha bongwe jwa thobo ya bone go itirela letseno.
Le fa maduo a thobo ya bone a bonala, go ne go se bonolo ka dijalo di tshwana magapu di sa tlhoke metsi a mantsi, mme ba seka ba bona thobo e kalo ka pula e ne e netse ruri.
Ba tlhalositse gape fa bane ba tshwenngwa ke dipeba tse di neng tsa ba tlhokisa boroko ka go ja dijwalo tsa bone.
Mme Mothophiemang Tebelelo yo lemang ko masimong a Sephephe, o tlhalositse fa a bone dikgetsi tsa mmidi dile masome a matlhano mme a bolela fa a ka bo a bone go feta foo fa e ne e se diji di tshwana le dipeba tse di neng di thakaladitse mo masimong.
“E ne ele sa ntlha re bona dipeba tse dintsi jaana di senya dijwalo ka bokete jo bo kalo. Re lekile go di lwantsha mme tsa re palela.’’
Mme Letsile Ramokaka yo lemang ko masimong a Madijwane, le ene o bone thobo e nametsang mme a kgonne go bona dikgetsi tsa mmidi di le masome a mararo le boferabobedi mme ebile o kgonne go dira mmidi o o omisitsweng go tswelela a rekisetsa batho.
Mme Ramokaka o boletse fa a kgontshitswe ke go tlhagola masimo a gagwe le fa dipeba di ne di mmeile ka fa mosing.
Le fa go ntse jalo Mme Ramokaka o tlhalositse fa a ne a thusiwa ke go rua dikatse le go thaya dipeba ka selaga, a tlatsa ka gore temo ya monongwaga e ne e sa tshwane le ya ngogola ka gore ba ne ba sa bona sepe mo masimong mo pakeng ya temo e e fitileng.
Molemisi mo kgaolong eo, Rre Lazarus Ramosoto o lebogetse balemi go bo ba ne ba tsaya ditaelo le go tsenelela dithuto mo dikgaolong tsa bone tse di ba thusitseng go tlhabolola ka fa ba lemang ka teng le go lwantsha diji.
Rre Ramosoto o tlhalositse fa balemi mo kgaolong eo ba iteka thata mo temong ka bontsi jwa bone ba bone dikgetsi di feta masome a matlhano tsa mmidi.
Are sebe sa phiri ke gore balemisi ba tlhoka dipagamo tse di ka ba isang ko masimong ka go farologana go sekaseka masimo.
Kgosi, Tebelelo Sebonego wa motse wa Mabeleapudi, le ene o iteetse balemi legofi a tlhalosa fa morafe wa gagwe o nyoretswe temo thata.
O kopile gore Mabeleapudi a thusiwe ka molemisi a gatelela fa go na le ditlhopha tsa balemi ba ba ikopantseng dile le supa tse di lemang mmogo mo kgaolong eo fa bangwe ba bone ba gatetse pele ka go lema setlhare sa Moringa.
Radijalo wa kgaolo ya Serowe, Rre Samson Mototlhala, o tlhalositse fa ntle le dipeba, thobo e ne e nametsa fela thata ka gore dipula di ne di le botoka .
O tlhalositse fa balemi mo kgaolong ba lemile diekere di le 3300, mme kwadiso ya thobo e santse e tsweletse.
A re bontsi ba balemi ba bone thobo e ntsi ya mmidi go na le mabele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Mabeleapudi
Event : Potsolotso
Date : 13 Aug 2026



