Phokojwe go tshela yo dithetsenyana
13 Aug 2026
E re ka letlhoko la ditiro le le lentsi bogolo jang mo bananeng, bangwe banana ba tswa ka methale ya go leka go tokafatsa matshelo a bone ka go itlhamela ditiro.
Laone Botsang wa dingwaga tse di masome mabedi le boratato (26), ke mongwe wa bao ba sa iponang tsapa go tsholetsa dikakanyo ka go tsaya tshwetso ya go simolola kgwebo ya go tlhatswa ditlhako, mealo le ditilo tsa dikoloi, a direla kwa kgotleng ya Serorome mo Palapye.
Botsang a re o simolotse kgwebo ya gagwe ka ngwaga wa 2024 go dira letseno go itshetsa go na le go nna fela a sa dire sepe. A re o simolotse kgwebo e, e e bidiwang Hala Shoe wash, ka e ne e sa tlhoke madi ape a mantsi go ka e simolola.
A re kgwebo e ya go tlhatswa e ne e tlhokana le metsi, molora, le boratshe fela a bo a ipapatsa mme banni ba Palapye ba e amogetse ka jaana a tlhatswetsa batho ka bontsi. O boletse fa a tlhatswa ditlhako go simolola ka P30.00.
A re gantsi o tlhatswa ditlhako tse di tsweu le tse dingwe tsa mebala ka go farologana morago a di pholetshe ka pholetshe e e faphegileng mme di sale di le mo seemong se se kgatlhisang.
Ntswa kgwebo ya gagwe a e simolotse ka madinyana a mannye, dikgwetlho tse a di bonang mo nakong eno ke letlhoko la didirisiwa tsa segompieno.
A re o tlhokana le motshine o o tlhatswang ditlhako o bo o di omisa gore a thuse ba ba tlhatswang ditlhako ka bontsi le ka nako.
Ka ntateng ya go dirisa diatla go tlhatswa, Botsang o tlhalositse fa a sa kgone go tlhatswa ditlhako tse dintsi a bo a di omisa mme se se tsee nako e ntsi.
A re o eletsa go godisa kgwebo ya gagwe ka go simolola go reka ditlhako tse di seng disha, a bo a di rekisa mme a di tlhatswa pele a di rekisa gore di lebege sentle go bona letseno le le kwa godimo.
A re o eletsa gape gore fa a godisa kgwebo ya gagwe e bo e na le motshine o o oketsang o bo o fokotsa selekanyo sa ditlhako go ya ka fa bareki ba batlang ka teng, a supa fa bontsi bo tlhokana le thuso eo.
Fa a tswelela Botsang a re o tlhokana le lefelo le letona le a ka kgonang go thusetsa batho teng a phuthologile le go tsenya didirisiwa tsotlhe tsa kgwebo ya gagwe.
O supile fa mo nakong eno a dirile ntlwana fa pele ga lwapa la gagwe mme fa a ka bona thuso a eletsa gore e nne ntlo ya se-nnela-ruri gore tiro ya gagwe e nne motlhofo.
Botsang o ne a rotloetsa banana go ikemela ka dinao a supa fa dikgwebo dingwe di sa tlhokane le madi a mantsi go ka di simolola mme banana ba ka kgona go iteka mo go tsone.
A re banana ba tlogele go nna fela kana ba gobeya mo mebileng mme ba simolole ka go dira ka diatla tsa bone go dira letseno le le ka ba thusang go itshetsa le ba malwapa a bone.
Mongwe wa ba ba rotloetsang kgwebo ya ga Botsang, o supile fa a tlaa tswelela ka go rotloetsa monana yoo ka go isa ditlhako tsa gagwe go tlhatswiwa.
A re o itumelela segolo bogolo gore Botsang ga a a nna ka diatla mme o dule ka mothale wa go itshetsa. BOkhutlo
Source : BOPA
Author : Amantle Onneng
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Aug 2026




