Breaking News

Bana ba rotloediwa go ikaga

12 Aug 2026

Baithuti ba rotloediwa go nna le ditoro tse dikgolo, go ithuta ka natla le go ikaga ba sa ntse ba le bannye, gore  ba atlege mo botshelong.

Fa a buisa baithuti ba sekole se se botlana sa Diphetogo bosheng kwa Gaborone, mothusa tautona Rre Ndaba Gaolathe o ne a ba gakolola gore nako e tsamaya ka bonako mme ditshwetso tse ba di tsayang di ka nna le seabe se setona mo bokamosong jwa bone.

Rre Gaolathe yo e bileng e le tona wa tsa madi, o ne a lebogela barutabana tiro e tona e ba e dirang go ruta le go godisa bana sentle.

“Ke leboga barutabana ba lona ka tiro e tona e ba e dirang ya go le ruta le go le godisa sentle, ke ba leboga ka boineelo jwa bone,” ga rialo Rre Gaolathe.

Rre Gaolathe o ne a ba gakolola gore le ene o kile a lekana le bone a le mo lekwalong la ntlha kwa sekolong, mme a tlhalosa gore le fa go lebega bana ba sa ntse ba na le nako e ntsi pele ga ba gola, nako e tsamaya ka bonako thata.

O ne a kopa bana go nna le toro, a ba kgothatsa go lora ka bokamoso jwa bone. 

Bana ba ne ba kgothalediwa gore fa ba eletsa go nna dingaka, barutabana, matona a puso, ditautona, badiredi ba puso, bagakolodi, baruti kgotsa sengwe le sengwe se ba se eletsang, ba tshwanetse go simolola ka go lora.

Ba ne ba gakololwa gape gore ba se ka ba letla mafoko a batho ba bangwe go ba kgoba marapo. 

Rre Gaolathe o ne a gatelela gore bana ba tshwanetse go dumela mo go bone le mo bokgoning jwa bone.

“Lo tshwanetse go dumela gore lo ka kgona, le gore lo siame mo go lekaneng, tshwara toro ya gago ka thata.”  Rre Gaolathe o ne a kgothatsa baithuti go ithuta ka natla.

Ba ne ba rotloediwa go bala dibuka, go botsa dipotso le go batla kitso mo barutabaneng, batsading, masika le batho ba bangwe ba ba atlegileng mo botshelong.

Bana ba ne ba gakololwa gore fa ba etela bo nkuku-a-bone le bo-rremogolo kwa magaeng, ba tshwanetse go ba reetsa le go ba botsa dipotso, ka gonne kitso le maitemogelo a bagolo a ka ba thusa thata mo botshelong.

Rre Gaolathe o ne a kopa bana go ikaga, a re ba tlotlheletswa go dira se ka go reetsa barutabana le batsadi ba bone.

O ne a gatelela gore mekgwa e e siameng e tshwanetse go simolola bonyennyaneng, ka gonne e thusa motho go gola a na le maikarabelo le maitsholo a a siameng. 

O ne a gakolola baithuti gore ba se ka ba tshega kgotsa go sotla bana ba bangwe a ba sa dire sentle mo dithutong mme ba ba thuse le go ithuta go dira mmogo jaaka setlhopha.

Rre Gaolathe o ne a kgothatsa bana go dira tiro ya bone ya kwa gae mmogo, go tshameka mmogo le go naya ba bangwe sebaka sa gore le bone ba gole mo bokgoning jwa bone.

Molaetsa o mogolo e ne e le gore katlego ga se ya motho a le mongwe fela, mme bana ba tshwanetse go thusana gore botlhe ba kgone go fitlhelela ditoro tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : Gaborone

Event : NDABA GAOLATHE

Date : 12 Aug 2026