Breaking News

Gopolang ba ba tlhokang

12 Aug 2026

Kgosi Tebogo Kemoabe wa kgotla ya Peleng kwa Lobatse, a re toropo eo, e aperwe ke lehuma, ka moo a leboga thata banni ba ba gwetlhegang go thusa ba ba tlhokang. 

Kgosi Kemoabe o buile mafoko ao, kwa Lobatse bosheng jaaka maloko a Bandleng United Fest ba ne ba abela bana ba ba tlhokileng lesego diaparo le melora, e le tsela nngwe ya go supa fa ba kgathala thata ka matshelo a bone. 

O ba kopile gore ba tswelele ka mowa oo wa bopelotlhomogi, le boikarabelo a re Modimo o tlaa tswelela a ba segofatsa. 

Mookamedi wa Bandleng United Fest Rre Bokang Motswedi yo o itsegeng ka leina la Rhym Killa, mo go tsa bodiragatsi o boletse gore tiro e ba e dirang ya go abela bana ke go leboga ba ofisi ya boipelego ka tiro e ba e dirang, a supa fa le ene ba mo thusitse nako ya fa a na le letlhoko. 

O tlhalositse gore le ene o ne a thusiwa ka dijo le diaparo atlatsa ka gore mo nakong e, o abela bana go busetsa seriti le monyenyo mo go bone.

Rre Motswedi a re e le badiragatsi bane batla ka mogopolo wa go dira dikgaisano tsa motshameko wa kgwele ya dinao, gore ba kgone go bona bonnyennyane, go thusa bana.

O tsweletse ka go bolela gore ba tlaa tswelela ba thusa mme a ikuela a kopa gore ba bulelwe dikgoro gore ba kgone fitlhelela maikaelelo a bone.

Mo go tse dingwe o boletse  fa ba dikgobokantse diaparo ka go di kopa mo bathong mme ba kgona go reka melora ya madi a a kanang ka sekete sa dipula le makgolo a mararo a dipula.

Mongwe wa bo mmaboipelego Mme Makopo Montshiti, o lebogile Bandleng United Fest go gopola ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, a tlatsa ka gore Modimo a segofatse letsogo le le abang. 

 Mokhanselara wa kgaolwana ya Peleng Central Rre Steven Mpofu o boletse fa badiragatsi ba toropo ya Lobatse le bana-le seabe botlhe ba dirile tiro e tona ka go thusa ba ba tlhokong, a tlatsa ka gore Modimo a ba godise.

Kgaisano ya go kgobokanya madi go thusa e ne e tsenwe ke ditlhopha tsa kgwele ya dinao di robabobedi tsa toropo ya Lobatse BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Kabo dimpho

Date : 12 Aug 2026