Mapodisi a tlhotlhomiso polao
12 Aug 2026
Rre wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi o ikgapetse botshelo morago ga go bolaya mme wa dingwaga tse di masome mabedi.
Mookamela mapodisi a Middlepits, Superintendent Kebadire Mmopi, o tlhaloseditse BOPA fa tiragalo e, e diragetse ka Mosupologo go ne kwa motseng oo.
Supt Mmopi a re bobedi jo, bo ne bo bereka mmogo kwa polasing ya puso kwa Lobu gaufi le Khuis, rre a tlholega kwa Bogogobo fa mme ene e ne e le wa Kolonkwaneng.
A re e ne yare go amogela pego, mapodisi ba ragogela kwa tiragalo e diragetseng teng mme ba fitlhela mme a lotleletswe mo ntlung kwa lwapeng lwa mosimane, a lebega a se mo botshelong.
O tlhalositse fa e rile morago ga tiragalo eo, rre a inaya naga mme mapodisi ba mo tsaya ka motlhala, ba fitlhela a akgega mo setlhareng, go lebega a ikgapetse botshelo mo sekgweng dikhilommethara di ka nna tharo go tswa mo motseng.
Sup Mmopi o supile fa ba ne ba isiwa kwa go ba bongaka kwa kokelong ya Tsabong kwa ba fetileng ba rurifatsa fa ba tlhokafetse.
O tlhalositse fa bobedi e ene e le baratani ebile ba tlogela ngwana wa dikgwedi tse thataro.
Mapodisi ba tsweletse ka ditlhotlhomiso, go itse se se ka tswang se bakile tiragalo e.
Supt Mmopi o kopile setshaba go nna ba kopa thusa fa ba lebanwe ke mathata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MIDDLEPITS
Event : POTSOLOSO
Date : 12 Aug 2026




