Breaking News

Gotsang o tlhomilwe moruti wa UCCSA

12 Aug 2026

Reverend Pono Gakekgonwe wa UCCSA kwa kgaolo ya Kolobeng /Lesoso a re go a itumedisa go bona bomme ba tsweletse ka go tsena mo thomong ya boruti jwa dikereke e gantsi e dirwang ke borre. 

O buile se fa go ne go tlhongwa Moruti Portia Gotsang, go etelela phuthego ya UCCSA kwa Sefhophe mme a mo kgothaditsa go dira ka natla a itshwareletse ka lefoko la Modimo, go tlhomamisa gore o etelela phuthego ka boammaaruri.

Reverend Gakekgonwe a re bomme ke thari ya setshaba mme phuthego ya Sefhophe e segofetse go bo e eteletswe pele ke mme. 

O rotloeditse baruti le baphuthegi go mo ema Moruti Gotsang nokeng le go mo gakolola fa go tlhokafalang teng.

Reverend Gakekgonwe o tlhalositse fa Moruti Gotsang a tlaa kopana le dikgwetho mme a tshwanetse go ikaega thata ka lefoko la Modimo.

A re ga a na pelaelo epe mo thomong ya gagwe ka a tsamaile ditsela tsotlhe tse di neng di tlhokafala go ka nna moruti.

 UCCSA e na le ditsamaiso le melao ya yone e e tlhokang go salwa morago ntleng ga seo, o tsile go palelwa ke go laola ba o ba eteletseng pele, Reverend Gakekgonwe a gakolola.

O mo kgotlhaditse go tsepama mo boammaaruring le go tsaya baphuthegi ka tekatekanyo, gore a nne moruti wa tlhotlhwa mme phuthego le yone e gole.

Reverend Gakekgonwe o rotloeditse Moruti Gotsang go tshwaragana le boeteledipele go tlhabolola Sefhophe.

Fa amogela thomo Moruti Gotsang o tlhalositse fa a tsile go tsweledisa thomo e Modimo a e mmileditseng, mme a dira jalo ka tshwaragano le baruti ba ba bangwe.

Moemedi wa UCCSA kwa Sefhophe, Kgosi Goutwa Alethaeng, ene o tlhalositse fa ba sa le ba kopane le fa ba tlaa tswelela le go ema Moruti Gotsang nokeng, go godisa kereke.

Kgosi Alethaeng o tlhalositse fa Reverend Gotsang a eteletse kereke ya Mogapi le Sefhophe mme a le tlhaga mo tirong ya go direla Modimo le setshaba. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SEFHOPHE

Event : PEO YA MORUTI

Date : 12 Aug 2026