Borre ba rotloediwa go etleetsa kamuso ka lebele
12 Aug 2026
Go botlhokwa gore borre ba rotloetse bomme ba ba tshotseng bana le bone go amusa masea ka lebele.
Kgakololo e e ntshitswe ke kgosi wa kgaolwana ya Gaborone West, Mme Keneilwe Ramosiane bosheng. E rile a bua kwa moletlong wa segopotso sa beke ya kamuso ka lebele ya mafatshefatshe mo Gaborone, Mme Ramosiane o rotloeditse borre go tsena diphuthego tsa go tshwana le e, ka gore di ba ama fela thata ka le bone e le batsadi.
O tlhalositse fa kamuso ka lebele e thusa ngwana go tsaya tshireletso e ntsi mo mashing, e bile a ka se tshabelelwe ke ditlhabi jaaka ba ba sielwang mashi a boupi.
A re bana ba kamuso ka lebele masole a bone a kgona go lwantsha bolwetsi mo mmeleng.
Mme Ramosiane o tsweletse a tlhalosa fa go amusa ka lebele go dira kgolagano ga-reng ga ngwana le mmangwana.
E rile a bua kwa moletlong o, moitseanape wa tsa botsogo jwa setshaba, Rre Kebayaone Gare a re maikaelelo a beke eo ke go tsaya kamuso ka lebele ka motlhala le go itsise setshaba ka botlhokwa jwa kamuso ka lebele, le fa bangwe ba tshwarwa ke diemo tsa tiro le tse dingwe fela jalo.
O ne a rotloetsa batsadi go tswelela ba amusa ka lebele ba beile mo melawaneng e e teng ya tsa botsogo jwa ngwana.
“Kamuso ka lebele efa ngwana tshimologo e e nonofileng ya botsogo jwa ka moso, ga se kgang ya go itlhophela, ke kgang e e tlhomameng ya go beeletsa mo botsogong jwa ngwana jo bo tlhomameng ka mashi a na le dikotla tsotlhe tse di tlhokafalang e bile a nonotsha go gola ga boboko,” ga tlhalosa jalo Rre Gare.
Mokhanselara wa kgaolo ya Difetlhamolelo mo Gaborone, Rre Sesupo Jacobs fa a latlhela la gagwe o ne a re dipatlisiso di supile fa mo kgaolong ya Gaborone ka ngwaga wa 2025 batho ba le lesome le motso mo lekgolong ba ne ba ikaegile ka go amusa ka lebele.
O ne a tlhalosa fa dipatlisiso di tswelela di supa fa mo baneng ba le lesome, ba le ba babedi ba amusiwa ka lebele mo kgweding tsa ntlha tse thataro. Se se supa fa go na le mabaka a a farologaneng gore seemo se bo se ntse jalo.
Rre Jacobs o ne a tswelela a tlhalosa fa lebaka la ntlha e le kgatelelo ya tsa tiro, e e tlhokisang motsadi nako e e tsepameng ya go amusa ngwana.
Ya bobedi ke tumelo ya gore kamuso ka lebele e le nosi ga e a lekana. O tsweletse a gwetlha borre go etleetsa kamuso ka lebele. O kopile gore makalana otlhe a a itebagantseng le tsa boimana a rute mo go tseneletseng gore mashi a lebele a botlhokwa fela thata morago ga ngwana a sena go tsholwa.
“Kamuso ka lebele, ke motheo wa sennela ruri wa go simolola botshelo,” Mokhanselara Jacobs a bua jalo. Mme Thato Grey, yo e leng monni wa kgaolo ya Difetlhamolelo o ne a gatelela botlhokwa jwa go amusa ka lebele.
O tlhalositse fa bo mmabana ba na le ditlhong tsa go amusa bana ba bone fa gare ga batho, mme dilo tsa go tshwana le tseo e le tsone tse di ba busetsang kwa morago.
Mme Grey rotloeditse bo mme go amusa bana gongwe le gongwe fa ba leng teng, e bile ba fokotse go ba siela mashi ka tami ka jaana bomme bangwe ba sa tlhatswe ditami sentle mo go felelang go ka baka malwetsi mo baneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Loago Thomas
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Aug 2026




