Breaking News

Sosologang go amusa ka lebele

10 Aug 2026

Go amusa ka lebele ke mpho le kgodiso e e lolameng e e ka neelwang lesea gotswa mo motsading.

Se se boletswe ke mothusa modulasetilo wa khansele ya Kanye Rre Biki Kalake kwa segopotsong sa go amusa ka lebele kwa Selokolela ka Labotlhano. O tlhalositse fa mashi a mmangwana a na le dikotla tse di tlhokafalang go  aga mmele wa ngwana.

“Dipalo tsa kgaolo ya Kanye di supa fa 59.9 per cent ya bana ba kgonne go amusiwa ka lebele ngogola, mme mo palong e, 78.3 per cent ele seabe sa bomme ba ba amusang ka letsele mo motseng wa Selokolela”, ga  tlhalosa Rre Kalake, a bo a tlatsa ka gore se se supa fa kamuso ka lebele e kgonagala.

A re go amusa ka lebele go na le dikotla le go fokotsa kgonagalo ya malwetse ga mmogo le dintsho tsa masea. A re go amusa ka lebele go thusa go fola ka bonako ga ga mme morago ga pelegi mme go hokoletse mme kgonagalo ya bolwetse ja kankere ya lebele le molomo wa popelo. Mo godimo ga seo, a re go tiisa kgolagano gareng ga losea le mmaalone.  

O tsweletse a re fa kgaolo ya Kanye e dira sentle mo thotloetsong ya tshidilo ya bomme ba ba itsholofetseng le go netefatsa gore ba bona ditirelo tse di maleba ka tshosologo. 

O kopile ba Lephata la botsogo go tswelela ka go katisa badiri ba botsogo go tswelelela ba neela dithuto tse di tseneletseng ka kamuso ka lebele. A re go botlhokwa gore lephata la thuto le tsenye thuto ka kamuso ya lebele le ya dijo tse di nang le dikotla mo baithuting kwa dikolong.

Mmelegisi wa kgaolo ya Kanye, Mme Thato Joubert a re kgaolo ya Kanye mo lenaneong la thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go ya ko loseeng ( PMTCT)   e na le  bana ba le 103 ba ba amilweng  ke mogare,  mme   57 per cent ya bone ba amusiwa ka lebele go tloga ka Ferikgong go fitlha Seetebosigo monongwaga (2026).    

Mme Joubert o tlhalositse gore  bomme ba ba nang le mogare wa HIV ba rotloediwa go amusa masea selekanyo sa dikgwedi di le thataro fa ba itekanetse sentle. A re ba ba sa tsheleng ka mogare ba rotloediwa go amusa  sebaka sa ngwaga go ya kwa go tse pedi. 

O tlhalositse fa  mashi a lebele a tletse ka dikotla tsotlhe tse di tlhokegang bogolo jang mashi a ntlha/kgatsele. A re go amusa ka lebele ke tsela e e somarelang madi e bile e fokoletsa mme go nna le matshwenyego a gore o ka fepa ngwana jang.

 Mme  Joubert o supile bo-molemo jwa go amusa ka lebele mo go mmangwana e le go fola le go boela ga popelo mo seemong sa tlwaelo. 

 Mo godimo ga seo o boleletse morafe gore go amusa go fokotsa matute mangwe mo mmeleng wa ga mme a a ka bakang kankere ya mabele, le gone go ima/itsholofela gape. 

Mme Joubert o tlhalositse  gore bomme ba ba berekang ba ka gama le go boloka mashi a bone mo setsidifatsing gore ba a dirise moragonyana. O gateletse gore ngwana yoo amusiwang letsele a fepiwe gangwe le gape mo dioureng dingwe le dingwe tse tharo. 

 A re se ke sone se fokotsang thata kgonagalo ya go tswelela ga go bona setswalo ga ga mme.  O ne a bua kgatlhanong le go simolodisa go ruta masea dijo ba santse ba le dikgwedi di le nne, a tlhalosa fa dipatlisiso di supile fa nako e e siameng ya go ruta masea dijo tse di farologaneng e le go simolola ka  dikgwedi tse thataro.

Motshwarelela mothusa mokwaledi wa khansele ya Kanye mo go tsa botsogo ja setshaba Mme Koziba Molebalwa e ne ya re go le pele a tlhalosa fa maikaelelo a go keteka letsatsi la kamuso ka lebele e le go sireletsa le go rotloetsa kamuso ka lebele lefatshe ka bophara. 

A re monongwaga  go lebilwe bo-mosola jwa kamuso ka lebele  segolo jang mo ngwaneng, mo go mmangwana le mo go ba lelwapa, ga mmogo le morafe o ngwana a golelang mo go one. 

 A re rre kwa lwapeng o tshwanetse go thusa mme ka tsotlhe gore mme a kgone go amusa ka tshosologo. A re  fa mme a bereka, babereki ka ene  ga mmogo le mohiri ba  tshwanetse go rotloetsa mmangwana go amusa ngwana sebaka sa oura. 

Mo godimo ga se, Mme Molebalwa o boleletse morafe gore go tloga Lwetse a tlhola letsatsi, malatsi a boikhutso a bomme ba ba itsholofetseng a okeditswe gotswa mo malatsing a le 84 go ya kwa  go a le 98. 

A re se se neela mmangwana sebaka sa kgwedi tse tharo le sephatlo go ikhutsa le go tlamela lesea.

Mme Molebalwa a re bomme ba rotloediwa go amusa bana ka lebele, se a re ke thotloetso le kemo nokeng e ba tshwanetseng go e bona go simolola mo lwapeng ka rre, le maloko a mangwe a lelwapa go thusa mmangwana go ikhutsa ga mmogo le go tlhokomela lesea.BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Segopotso ka kamusa ka lebele

Date : 10 Aug 2026