Breaking News

Ba rotloediwa go tsaya ditlankana tsa matsalo

06 Aug 2026

Masea a dingwaga tse di kwa tlase ga dikgwedi tse di lesome le bobedi a tlaa simolola go neelwa madi a tlhokomelo go simolola ka kgwedi ya  Phatwe.

Se se boletswe ke modulasetilo wa khansele ya Kanye, Rre Morapedi Kgosithebe fa a buisa morafe wa Gasita jaaka maphata a puso gotswa kgaolong ya Kanye a ne a isitse ditirelo kwa motseng oo ka Laboraro.

O tlhaloseditse morafe gore madi a a tlaa akaretsa go tswa kwa kgweding ya Moranang  2026 go tsena mo go ya Phatwe 2026.

O ne a supa matshwenyego go tswa mo pegong ya modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse gore go tlhoka bosupi ja matsalo e ka nna ya nna kgwetlho gore bana ba bone ditshwanelo tsa bone mme ka jalo a rotloetsa morafe go ikitaya ka thupana go tsaya ditlankana tsa matsalo.

A re kgwetlho ya bolwetse jwa tlhako-le-molomo e apesitse kobo ka letshoba ka jaana e emisitse botshelo ja Batswana segolo jang mo go itshetseng. O tlhalositse fa ditsamaiso dingwe tsa  setswana jaaka  tatolo di kgoreletsega  ka ntlha ya dikiletso tsa tlhako le molomo.

A re go tshetsa bana mo malwapeng ke kgwetlho ka jaana go santse go emisitswe go rekisa dikgomo selo se a tlhalositseng fa se ne se thusa malwapa ka letseno.

Modulasetilo o ne a tswelela ka go rotloetsa morafe go tsenya letsogo mo go tsosoloseng terata ya twantsho matlhoko a leruo,  a re ke   seemo se se  amang lefatshe ka bophara.

O ne a tlhalosetsa ba Gasita gore ditlhabololo di tshwana le go baakanya ntlolehalahala  ya motse di  solofetse  go akarediwa mo mading a ditlhabololo tsa kgaolo(CCP) a ngwaga ono. Ka go rialo o ne a rotloetsa morafe go tlhokomela le go disa dithoto tse  di mo motseng  wa bone segolo jang  ka a supile fa  go na le tshenyo mo di tlhabololong tse di dirwang.

O ile gape a rotloetsa morafe go tsaya lenaneo la thuo ya dikoko le dihutshane  ka lekalana la CEDA a re go dira jalo go ka fokotsa letlhoko la ditiro le go tsisa letseno.
 Morafe wa Gasita  one wa supa fa o amogela  mananeo  a  tshwana le la thuo ya dihutshane le dikoko.

Le fa go ntse jalo ba supile matshwenyego ka go nna le lefatshe le ba ka ruelang mo go lone ka jalo ba kopa baeteledipele go bua le lephata la Kabo ditsha  go  ba abela lefatshe gore ba kgone go inaakanya le go kopa  dithuso tseo.

Fa a tsibogela matshwenyego ka lefatshe, Mogolwane wa dibuka tsa madi wa lekgotla la Kabo ditsha le le botlana la Maokane, Rre Oakantse Mogawana, o ne a re lefatshe la kgwebo le abiwa ka mokgwa wa phadisano e e nang le seelo  sa go tsaya dipampiri tsa ikopelo.

Mme o ne a re go ka nna botoka fa morafe o ka baakanyediwa thuto ka tsamaiso ya go dira ikopelo ya setsha sa kgwebo. A re se se ka baya morafe mo seemong sa go ka lepalepana le go ikopela lefatshe la dikgwebo

Mo godimo ga moo o solofeditse morafe wa Gasita gore ditlankana tsa ba lekgotlana la Kabo ditsha la Maokane ba neng ba di kopa mo go bone, ba tlaa di busediwa go simolola beke e e tlang.

Mogolwane  kwa Lephateng la ditirelo tsa matsalo le Omang mo Kgaolong ya Kanye Mme Keikantse Gaowele o  sedimositse mo potsolotsong  fa go na le diemo tsa Batswana ba ba senang  disupo tsa matsalo.

A re batsadi ba beelwa malatsi a a masome marataro go tseela masea ditlankana tsa matsalo mme fa malatsi ao a fetile, motsadi o solofelwa go duela di pula tse di Lekgolo go ka tsaya setlankana seo.

O rotloeditse maphata a a maleba jaaka ba boipelego, komiti ya di tlhabololo   kgotsa ba bogosi go thusana  le ba ofisi ya Omang  go dira dithulaganyo  tse di ka thusang go rarabolola seemo.

A re mo nakong ya gompieno e lefatshe le nang le kgwetlho ya madi, lephata le na le kgwetlho ya go tswelela ka dithulaganyo tsa go  Isa ditirelo tsa matsalo le tse dingwe kwa setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : GASITA

Event : Phuthego

Date : 06 Aug 2026