Breaking News

Dikgafela pinagare ya ngwao ya Batswana

06 Aug 2026

Banni ba Mogoditshane ba tlaabo ba le kwa kgotleng kgolo ya motse ka Matlhatso go ipelela dikgafela ka setlhogo se se reng: Ngwao Letlotlo, A Re e Somareleng.

Fa a tlhalosa ka bokao jwa mokete o, Kgosi Keabetswe Dihutso wa Mogoditshane, a re dikgafela di tswa goo lowe di ketekwa ke merafe ya Batswana ngwaga le ngwaga, morago ga thobo, go leboga Ramasedi.

A re fa e sa le paka ya thobo e wela, morafe o ntse o tsweletse o baakanyetsa mokete kwa dikgotlaneng tsa bone tse di masome a mararo le borobabongwe.

“Motse wa rona o kgaogantswe ka dikgotlana di le masome a mararo le borobabongwe mme ga ntsi re di kgaoganya ka gore tse di lesome le borobabongwe di apeele dikgafela fa tse di masome a mabedi di apeela boipuso,” Rre Dihutso a tlhalosa.

A re ka letsatsi la dikgafela, go tlaabo go ipelwa ka go supa dijo tsa ngwao ya Setswana jaaka loswao, bogobe  jwa mabele, mosutlhane, dithotse tsa lerotse, bogobe jwa kgodu ya lerotse, dinawa, ditloo, kabu, setampa le tse dinwge. Kwa bodigatsing go tlaa ipelwa ka poko, dikhwaere le borankana.

E re ka Mogoditshane a tletse ditshaba ka go farologana, Kgosi Dihutso a re ga go bape ba ba tla a seegelwang kwa mafure ka jalo, ba solofetse gore le ba merafe e e sa tlholegeng mo Botswana batle go supa dingwao tsa bone jaaka e ntse e le selomodiro kwa digafeleng tsa Mogoditshane.

Kgosi Dihutso a re o tlhatswiwa pelo ke gore banana ba Mogoditshane ba kgatlhegela go setso sa bone ka yaare fa go nna mokete o ba tsenye letsogo go thusa bagolo gore tiro e tsamaye ka thelelo.

“Mo nakong eno banana ke bone ba ntse ba thusa go tlhabolola mmu wa ntlo ya Setswana e mo kgotleng e re e dirisang go supang ngwao. Ba ne ba e goba ka mmu ba bo ba e kgabisa ka lekgapho la boloko jwa dikgomo gore e re ka letsatsi la dikgafela e bo e lebega. Ke bone gape ba ba thusang go rwala dinkgo le diemere tsa bojalwa go imolola bagolo bokete. Jaaanong, ke gone jaaka ba ntse ba ithuta ebile ba tsaya malebela ka segabone,” Kgosi Dihutso a tlhalosa.

A re bojalwa jwa Setswana bo tlaabo bo boitshega ka ba solofetse dinkgo di le lesome le botlhano go tswa kwa dikgotleng ka go farologana. Mokgabo wa letsatsi a re ke leteise la kgaka e kima le e e tshesane.
Kgosi Dihutso a re mo bogologolo, dikgafela e ne e le tsela ya go tlatsa disigo tsa motse gore e re ka motlha wa leuba kgotsa go na le yo tlhokang, kgosi a ba abele dijo, a raha mo disigong.

A re bogosi ke jone basireletsi ba ngwao ya Setswana gore e se ka ya mediwa ke dingwao di le mme ke ka moo e reng le fa thobo e sa tlhole e nametse nateteng ya leuba le gore masimo a Mogoditshane a meditswe ke ditlhabologo, ke so ne ba feletsang fa gongwe ba reka dijo tsa ngwao kwa mabentleleng mme ba tle go di supegetse banana gore ba seka ba timelelwe ke segaabo.

A re manotonyana a masimo a banni ba Mogoditshane a kgakala jaaka kwa Kgope, Gamodubu, Boatlaname le Lentsweletau.  
Fa a tlhalosa setlhogo sa monongwaga, Kgosi Dihutso a re a ngwao e tswelele, bana ba e bone gore e kgone e ba supegetse tse di tlhokiwang ke tsamaiso ya molao wa Setswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 06 Aug 2026