Mapodisi a tshwere dikoloi tsa bogodu
06 Aug 2026
Fa a bua mo potsolotsong o rile palo ya dikoloi tsa bogodu tse ba kgonneng go di tshwara ko kgorong ya molelwane wa Ramokgwebana di oketsegile mono ngwaga fa go tshwantshanngwa le ngwaga tse pedi tse di fetileng.
A re ka ngwaga wa 2024 ba nnile le dikgetsi tse pedi tsa bogodu ja dikoloi, ngogola ba kwadisa kgetsi tse tlharo, fa monongwaga seemo se tsere phekelo e sele ka ba kwadisitse dile lesome le botlhano.
Rre Phadi a re “E re ntswa bontsi ja dikoloi tse di tswa ko lefatsheng le re bapileng le lone la Aferika Borwa, dingwe tsa tsone ditswa ko lefatsheng la Namibia.”
A re dikoloi tse ba di tshwereng, di utsulwe kwa Walvis Bay, Namibia di tharo ka palo, mme di ne di pegilwe mo koloing ya mogobagoba.O ne a re ba ba lebisitsweng molato wa bogodu jo, ba setse ba itshupile fa pele ga lekgotla la ditsheko la ga mmakaseterata go arabela go fitlhelwa ka dithoto tsa bogodu kana tse di utswilweng kwa ntle ga lefatshe la Botswana.
Supt Phadi a re morago ga go belaela gore dikoloi ke tsa bogodu, ba ne ba ikgolaganya le sepodise sa Interpol, ba ba thusitseng go latedisa motlhala wa tsone.
A re go dirisana ga mafatshe le gone go thusa go ba tlhofofaletsa ditlhotlhomiso.O tlhalositse gore mo dikgetsing tse di lesome le botlhano, tse ba di kwadisitseng monongwaga, basekisiwa ba roba bongwe ba setse ba atlhotswe ke lekgotla, fa ba le bararo ba santse ba leboditse phokoje morago ga go letelelwa go emela tsheko ba le kwa ntle ga kgolegelo, mme tse tlharo di santse dile mo diatleng tsa bosekisi.
Supt Phadi a re bontsi jwa badira molato ke borre ba lefatshe la Aferika Borwa, ba latelwa ke ba Zimbabwe go bo go nna le Motswana wa mme a le mongwe.
A re ba ba bonwang molato ba atlholwa madi a a seng ka fa tlase ga dikete tse di masome a mabedi (P20 000), mme a sa fete dikete tse di masome a mararo (P30 000) kgotsa kgolegelo ya ngwaga tse pedi go ya go tse tlharo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : Tshesebe
Event : Potsolotso
Date : 06 Aug 2026





