Breaking News

Lekoko le rola magosi kwa Ghanzi

06 Aug 2026

E ne e le semphete ke go fete, Labobedi kwa kgotleng kgolo ya Ghanzi, matshwititshwiti a tshologetse koo, go itseela ka tsebe, pego ya maina a baemedi  ba bogosi jwa motse, morago ga go fetolwa bogosi go tswa kwa go jwa setoropo go ya kwa go jwa ngwao.
Moeteledipele wa lekoko le le neng le tlhomilwe ke tona wa lephata la tsa merero ya selegae le tsa ngwao, Mothusa Kgosi wa Bakwena Kgosi Lawrence Mhaladi, o ne a tlhalosa fa a ne a patilwe ke Kgosi Thabo Mathiba wa Mmathethe, le Kgosana Omphitlhetse Mphaphi, wa Otse, mo tirong e.
A re lephata le ne la amogela boikuelo a morafe wa Ghanzi, gore ba na le toro ya go nna le bogosi jwa Setswana go na le jwa setoropo mme ka lesego kopo e ne ya atlega.
O ne a tlhalosa fa lekoko le ne la simolodisa dipuisano le banni Tlhakole monongwaga mme ka maswabi, tiro ya go ntsha maina a baemedi e  ne ya nna mogoga ka ntlha ya tiego go tswa kwa go ba malwapa a monwana o neng o ba supile go etelela bogosi jwa Ghanzi pele.
A re mo tirong eo, ba ne ba tshwaragane le ba lekgotla la Ditshwanelo go ba thusa go aga motheo wa kgang go sa gatakakiwe ditshwanelo tsa setho.
Kgosi Mhaladi a re le fa go ne go na le madiadia, ba kgonne go letlanya ba malwapa oo mabedi, morago ga gore go tlhagoge maina a  baemedi a le mabedi go tswa kwa malwapeng ao.
O supile fa ba feletse ba nna moriti le ba  ba amegang, go sutisa disana tse ba neng ba dumela e le tsone dikgoreletsang gore morafe o neelwe tshwetso.
A re puisane e ne ya ntsha maduo ka jalo, a rolela morafe fa maemo a kgosi a tlaa neelwa Rre Thamae Thamae wa letso la Basarwa fa maemo a mothusa kgosi one a  tlaa neelwa Mme Dianah Setima wa letso la Bakgalagadi.
Maina a, a tlaa romelwa kwa ofising ya ga tona go rurifadiwa pele ga go baakanyetswa peo ya kgosi. Kgosi Mhaladi a re maemo a boraro a kgosana, molaodi o tlaa a dira thulaganyo ya go neela morafe sebaka sa go ithuna dinta gore a ya go tlhophelwa ka tsela efe.
 O ne a gwetlha baemedi ka bobedi go nna bori ebile ba itetle go nna baemedi ba tlhotlhwa ka go kopanya merafe le go tsweledisa ledula mo motseng wa bone.
Kgosi Mathiba e ne o supile letshwenyego la gore bogosi bo tshabelelwa ke  dikgotlhang segolo bogolo mo kgannyeng ya mojaboswa.A re e nngwe kgang ke ya go tlhoka kelelelo ka neelano ya go tshwaralela maemo a bogosi a re bangwe ba felela bogosi bo ba dule ka diphatlha tsa menwana.
Molemo wa go tila ketsaetsego ya mojwaboswa le maemo a tshwareletsweng a re ke go netefatsa gore baemedi ba bogosi ba dira dilo mo pontsheng go santse go na le nako.
Kgosana Mhaphi ene o ne a iteela morafe wa Ghanzi legofi gore ba ne ba seka ba ipona tsapa ka go supa bopelokgale mo kgannyeng ya go batla go fetola sebopego sa bogosi jwa motse wa bone.
O ne a gatelela fa bogosi bo tsamaisiwa ka molao mme a gwetlha baemedi ba bogosi go obamela melao eo, ka nako tsotlhe gore boeteledipele jwa bone, bo nne bobebe le ntswa makgwere one a seke a tlhokafala.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Petrus Ndjoze go tswa kwa Kgaphamadi, ,o ne a bua a sa kgale mathe ka fa tiego ya go tlhoka kgosi kwa Ghanzi go beile morafe ka fa mosing ka ntata ya go sa fitlhelele ditirelo tsa puso ka nako.O gwetlhile neelano go tswa kwa go ba malwapa le ba bangwe ba ba maleba go fefosa tshwetso go rekegela dikeletso tsa morafe.
Moemedi go tswa kwa Goora Setima, Rre Etlhomame Setima, o o ne a re basupile Mme Dianah Setima go neelwe marapo a maemo a mothusa kgosi.Mme Bulenda Thamae le ene o ne a iteela kobo moroko ka go supa fa le bone go tswa kwa Goora Thamae, ba dumalane ka bongwefea jwa pelo gore, Rre Thamae Thamae e nne ene motshwarateu wa maemo a bogosi jwa Ghanzi.
Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi, Rre Noah Salakae, o ne  a iteela boora Thamae le Setima legofi go beela kwa thoko dipharologanyo tsa bone, mme ba eteletsa dikeletso tsa morafe wa Ghanzi kwa pele ga tsa bone.
O ne a tsibosa morafe gore tiro e, e ne e se bonolo mme gape a leboga lekoko le le neng le tllhomilwe gore ba dirile tiro ka manontlhotlho ka gore pego ya bone e fetile ka tse ditsididi.
O ne  gape a iteela legofi tshwetso ya go dirisa lekoko la dikgosi go tswa kwa mafelong a farologanyeng a re, e ne e le tsela nngwe ya go nonotsha dipuisanyo go sa tsewe letlhakore.
Mo go tse dingwe, o gwetlhile bakwadi ba ditso go dirisa tshono ya gompieno e mang le mang a iponelang ditiragalo go simolola go kwalwa ditso tseo, gore di seka tsa ba latlhegela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Ghanzi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 Aug 2026