Breaking News

Tshwaragano E Godisa Mokgatlho

04 Aug 2026

Banni ba Mahalapye ba kopilwe go tshwaragana go godisa serodumo sa moletlo wa Moko Cultural Festival gore o nne le bokao mo isagong. 

Se se builwe ke tona wa ditlhaeletsano le botlhami Rre David Tshere kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa Moko Cultural Festival mo Mahalapye. O ne a re keletso ke go bona moletlo o, o godile mo o tlaa ngokang merafe e mengwe le dikompone ka go farologana.

O sedimoseditse banni ba Mahalapye gore le fa ba farologana ka  dingwao le ditso, mme ke morafe ole mongwe wa Mahalapye. O ba gakolotse go tlotla ditso le ngwao ya ba bangwe le go emana nokeng ele morafe wa Mahalapye. 

Tona a re merafe e lekana yotlhe, ka jalo ga gona baba tshwanetseng go nyenyafatsa letso la ba bangwe ka gope. 

Rre Tshere a re o ema nokeng mogopolo wa go aga Mahalapye Moko Cultural village and Eco-Tourism Park a tlhalosa gore lefelo le, le ka ngoka bajanala, mme la tlhabolola motse wa Mahalapye.  O kopile batsadi go rotloetsa banana go ithuta ngwao ya bone le ditso tsa bogologolo ka gore dina le bokao jo bogolo jo ba ka ithutang mo go jone

Tona Tshere a re banana ba dumela gore  ka fa go neng go tshelwa ka teng bogologolo, go dirwa dilo ka teng e ne e le tshotlego. 

A re golo moo ke tsone ditso ka go supa gore batho bane ba tshela ka se ba nang le sone e bile ba na le maano a go dira dilo go itshidisa. 

Mothusa Mokwaledi wa lephata la banana metshameko le bong Rre Tebogo Matebesi a re go ipelela letsatsi la ngwao go botlhokwa ka jaana go thusa merafe go somarela le go boloka ngwao.  A re Lephata la metshameko le bodiragatsi le amogela thata maikaelelo a go aga lefelo la Ngwao go sireletsa matlotlo, le go le dirisa go tlhabolola itsholelo. 

A re  Ngwao e fa morafe seriti sa, e ruta tlotlo, e kopanya setshaba, ka jalo e tshwanelwang go sireletswa, go godisiwa le go e tlogelela  bana e sa senyega.  

Rre Matebesi a re lenaneo le fa le ka rulaganngwa sentle le bo le tsamaisiwa ka kelotlhoko le ka nna motswedi wa ditiro tsa batshameki ba mmino wa setso, go ngoka bojanala mme go tlise maduo mo morafeng wa Mahalapye le Botswana ka kakaretso 

O ba kopile go tswelela ka go tshegetsa moletlo ya ngwao, ba tlhokomele mafelo a matlotlo a tlholego, botaki le mhama wa botaki ka jaana Ngwao e se go itumela fela mme e ka aga itsholelo. Rre Matebesi a re tiro ya go sireletsa Ngwao gase ya puso fela mme ke boikarabelo jwa botlhe. A re dikgosi di tshwanetse go tswelela ba godisa Ngwao le go fitisetsa kitso ya Ngwao ko bananeng. 

A re malwapa a rute bana mekgwa le dipuo tsa segabone, a kgothatsa le dikolo go tsenya letsogo mo go ruteng ngwao.  Rre Matebesi o  gwetlhile morafe go bua dipuo tsa bone gammogo le go kwala ditso go di somarelela kokomane e tlang. 

Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye o rotloeditse morafe go tswelela ba ema moono wa letsatsi le nokeng gore ba fitlhelele maikaelelo a bone. 

A re ba na le toro ya go tlhabolola lefelo la Moko ka jalo a kopa kemo nokeng ya morafe ka kakaretso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Mahalapye

Event : Moko Cultural Festival

Date : 04 Aug 2026