Lwantshang kgogontsho - Kgosi
04 Aug 2026
Kgosi Ishmael Legwaila o kopile bomme go ema ka dinao go lwantsha kgokgontsho ya bana.
Kgosi Legwaila o buile se kwa pitsong ya bomme ka Laboraro kwa kgotleng ya Botshabelo, maikaelelo magolo e le go amogana maele, go thusana go tswa ka metlhale ya go lwantsha kgokgontsho.
O tlhalositse fa dikgosi le baeteledipele ba bangwe ba tshwenyegile thata ka tlolo molao le botlhoka tsebe mo kgaolwaneng ya Botshabelo, mme a tlhalosa fa boikarabelo bo le mo batsading.
O kaile fa bontsi jwa batsadi bo bipa mpa ka mabele fa go tla mo dikgannyeng tsa go tlhoka tsebe ga bana ba bone.
Kgosi Legwaila o supile fa kgaolwana ya Botshabelo e le nngwe ya tse di hupeditsweng ke botlhoka tsebe jo bo dirwang ke batho ba le mo maibing a nnotagi le diritibatsi. A re le fa ba sepodisi le magosi ba leka go kgalema le go otlhaya ba dira melato, seemo se tsweletse ka go bifela pele.
Ka jalo a re tsholofelo ke gore morago ga bokopano jo, go nne le pharologanyo mabapi le dikgang tse di tlhorang boroko.
O rotloeditse bomme go tsaya nako ba nna fatshe le bana, ba ba lemotsha bo diphatsa ja go tsena mo maratong ba santse ba le bannye.
Kgosi Legwaila a re go botlhokwa go ruta bana go tila go inaakanya le mekgwa e ka dirang gore ba wele mo boraing jwa go kgokgontshiwa.
Detective Sub Inspector Portia Botsang go tswa mo ofising ya sepodisi ya Botshabelo o tlhomamisitse fa go le boammaaruri ditiro tsa botlhoka tsebe di le dintsi kwa Botshabelo.
Ka jalo, a re o rotloetsa bomme go rata bana, go nna ditsala le bone gore ba kgone go phuthologa fa ba sa itumela.
O tlhalositse fa motheo wa kwa lwapeng e le o ne o bopang ngwana gore e nne motho yoo nang le boikarabelo mo setshabeng.
Mme Botsana o rotloeditse bomme go phuthologa go bua ka dikgang tsa marato le bana ba bone ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase.
Go tlhomamisa fa e le ruri botlhokwa tsebe kwa kgaolwaneng ya Botshabelo bo le kwa godimo, Mme Botsang a re mono ngwaga go tswa ka kgwedi ya Moranang go ya go ema ka Seetebosigo, ba gatisitse dikgetsi tsa tiriso botlhaswa jwa bana ba ba kwa tlase ka dingwaga tse di lesomele boroba bobedi di le tlhano, tsa thubetso di le pedi fa ya polao e le nngwe.
A re se se ngomolang pelo ke gore melato e e dirwa ke batho ba ba ka bong e le bone batlhokomedi ba bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Pitso ya bomme
Date : 04 Aug 2026






