Morafe O Kopiwa Go Somarela Ditsatlholego
04 Aug 2026
Ba lephata la Motlobo wa Ditso, Matlotlo a ngwao le Tlholego ba kopa setshaba go tlhokomela lefelo la fa mogaka wa pele wa molwela kgololesego ya batho bantsho e bile e le tautona wa pele wa lefatshe la Afrika Borwa Rre Nelson Mandela, a fetileng teng (Mandela’s Hide Out Spot). Lefelo leo le kwa godimo ga lentswe la Peleng kwa Lobatse.
Fa a bua mo potsolotsong, Mookamela lephata la Motlobo wa Ditso, Matlotlo a ngwao le Tlholego mo kgaolong ya borwa Rre Onkgopotse Moseki a re ba itemogetse kgotlelesego ya tikologo, bogolo jang kwa godimo ga thaba ya Peleng kwa lefelong le le neng le dirisiwa ke mogaka wa pele rre Mandela go iphitlhela ba mmuso wa tlhaolele wa nako eo ka lobaka lo lo leele. O supile gore lefelo leo le tshwailwe ke lephata leo jaaka lengwe la mafelo a a popota a ditso tsa lefatshe la Botswana le tsa borwa jwa Afrika (Botswana’s role in the liberation struggle of the Southern African region).
Rre Moseki a re lefelo leo ke lengwe la mafelo a a faphegileng le le sireleditsweng ke ba ditso ka le tshwere matlotlo a ditso tsa lefatshe leno mo kgololesegong ya batho bantsho go ralala kgaolo ya borwa jwa Afrika. A re ka jalo le supa seabe se setona se lefatshe la Botswana le nnileng le sone go sireletsa bagaka ba ba fetotseng ditso tsa lefatshe ka bophara ka nako ya mmuso wa tlhaolele.
Rre Moseki o supile gape gore lefelo leo le le boatlhamo kwa 4.5 Km le dirisiwa e le thuto mo bajanaleng ba ba etelang toropo ya Lobatse mapapi le ditso tsa yone ka jalo a re go botlhokwa go le somarela. A re go na le badumedi ba ba ikalafelang fa lefelong leo mme ba felele ba kgotlela tikologo ka go tlogela matlakala foo. O tlhalositse gore bontsi jwa matlakala bo fitlhelwa fa tautona wa Pele wa Lefatshe la Afrika Borwa Rre Mandela a neng a iphitlhile teng, a iphitlhetse batho basweu. A re batho ba ikalafelwa foo ka tumelo ya gore mogaka o fetile foo.
A re ba tshwenngwa ke gore go tlogelwa matlakala foo a tshwana le mabotlele, go kwala matlapa ka dipente, go tlogela dipampiri, diaparo, marapo, dikerese, ditoisi, matsela, magata a diphologolo mme seo se kgona go tshosa bajanala ka jalo a kopa gore go somarelwe ditsatlholego ka di isa serodumo sa lefatshe leno kwa godimo.
A re go botlhokwa gore ba ba dirisang lefelo leo mo go tsa kgwebo ka go tsaya mesepele ya go palamelela ditsatlholego ba emise go kwala mo matlapeng (hiking trail marking) go supegetsa batho tsela mme ba dirise mekwalo e e kareng ba fetsa go dira se ba se dirang ba boe ka yone go itsa go kgotlela selebego sa tlholego sa matlapa ao.
Mogolwane yo, o supile gore lefelo leo ke lengwe la mafelo a a etelwang kgapetsa-kgapetsa ke bajanala gotswa kwa mafatsheng a a farologaneng go tla go le bona ka jalo ga ba a tshwanela go le fitlhela le kgotlelesegile.
Godimo ga seo, o ne a supa gore mo nakong eno go na le dimela tsa naga tse di bapalwang ke dingaka tsa setso go dira melemo ka jalo a kopa gore ba di kgetle ka kelelelo gore di tswelele di le teng go fitlhelwa ke dikokomane tse di tlang. Fa a tswa la gagwe mogolwane wa Samora Machel Museum e bile e le mosomarela matlotlo a Lobatse yo mogolo Rre Francis Joao a boletse gore thaba ya Peleng e humile ditso mme e bile e tswa goo lowe e dirisiwa ke bo-re-a-itse go alafa batho ka jalo a re ba tshwanetse ba dirisa dimela tseo ka kelelelo. A re fa tlase ga thaba ya Peleng go motswedi wa metsi wa tlholego wa Peleng Gorge yo o nnang o elela metsi ngwaga yotlhe mme o ne o nosa motse, batho le leruo lwa bone, a re mo nakong eno motswedi oo o kgadile ka mabaka a phetogo ya loapi.
Rre Joao o ne a supa gore ka nako ya dipula tse di namagadi lefelo leo le tswela metsi jaaka pele metsi a gogole matlakala a a kwa godimo ga thaba mme tebego e nne ee sa siamang mo bajanaleng ba ba etelang lefelo leo.
O kopile badirisi ba lone botlhe go tsaa boikarabelo jwa go le somarela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 04 Aug 2026





