Breaking News

Kgwebo e ka rarabolola letlhoko la morafe

30 Jul 2026

Mogolwane wa boipelego kwa khanseleng ya Mahalapye Rre Kgomotsego Basaako a re kgwebo e ka nna tharabololo ya mathata a letlhoko mo setshabeng.

O buile jalo kwa thuto puisanong ya tlhabolola matshelo a morafe mo go tsa kgwebo mo kgaolwaneng ya VDC ya BOXHOMO mo Mahalapye ka Laboraro.

A re go botlhokwa gore pele ga motho a dira kgwebo a itse tsamaiso ya kgwebo, go netefatsa gore mmaraka o teng le gore a kgwebo eo ena le letseno.

Rre Basaako a re o itemogetse gore Batswana ba rata go dira dikgwebo potlana tse di senang maduo.

A re go batla  banne mabogo-dika gore ba kgone go kgotsofatsa mmaraka ka jaana o batla tswelelopele ya go ntsha maduo a kgwebo. A re go botlhokwa gore motho a lebelele letlhoko pele la kgwebo e a eletsang go e dira, e bile a nne le maikaelelo a go ithuta mo kgwebong.

 Rre Basaako a re kgwebo e batla bopelotelele le ponelopele ga mmogo le go emela dikgwetlho tsa phetogo ya mmaraka.

A re motho o tshwanetse a nna le motlhatlheledi yo o itsing ka kgwebo go fa bogakolodi le kgothatso.

Mogolwane wa ditlhabololo tsa morafe mo khanseleng ya Mahalapye Rre Gerald Mahumba o boletse fa maikaelelo a thuto-puisano e le go rotloetsa morafe le komiti ya ditlhabololo tsa motse go dira dikgwebo tsedi ka tlhabololang motse le morafe.

Rre Mahumba a re maikaelelo ke go rotloetsa morafe go tswa ka maano a dikgwebo ba lebile tse ba nang le tsone mo kgaolong go akaretsa ditsa tlholego.

O kopile morafe gotswa ka maano a go rarabolola dikgwetlho tsedi mo tikologong ya bone.

A re morafe o tshwanetse wa nna karolo ya go itlhabololela matshelo ka tse ba nang le tsone ba dira jalo e le ditlhopha.

O boletse fa di VDC di gwetlhilwe go dira dikgwebo tse di tla a solegelang morafe molemo.

Mokhanselara wa kgaolo ya Mahalapye legare Mme Abigail Mogalakwe o kopile morafe go dirisa dithuto tse ba di filweng le go dira dikgwebo ba le ditlhopha gore ba thusiwe botoka. A re maikaelelo a puso ke go rotloetsa mowa wa go itirela.

Banni ba ne ba supa fa ba tlhaela kitso ya kgwebo le tiriso ya madi, gape ba sa kgone go kopanela kgwebo, ba lela gape ka letlhoko la mafelo a go direla dikgwebo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 30 Jul 2026