Motsholapheko o tlaa bolokwa ka Matlhatso
30 Jul 2026
Mokhanselara wa Sefhophe Rre Christopher Motsholapheko, yoo tlhokafetseng kgwedi ya Phukwi e le masome mabedi le bone, o tlaa bolokwa ka Matlhatso Phatwe a tlhola gangwe kwa Sefhophe.
Rre Motshopheko, yoo o neng a fenya ditlhopho tsa setshaba ka 2024 ka fa tlase ga phathi ya Umbrella for Democratic Change mo kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare o tlhokafala morago ga go lwala ka lobaka le le khutshwane.
Moemedi wa ba lelwapa, Kgosi Diloro Segwabe e bile e le rangwanaagwe moswi, o tlhalositse seo mo potsolosong fa Rre Motsholapheko a tlogela mosadi ,bana ba le bararo le batsalwa le ene ba le babedi.
Otlhalositse fa Rre Motsholapheko a ne a rata batho e bile e le moemedi wa popota, a kaya fa ba tlaa mo gakologelwa ka ditiro tsa gagwe tse dintle tse a di diretseng setshaba, mme a kgothatsa morafe wa Sefhophe go tshwaragana le go nna le tsholofelo mo Modimong.
O tlhalositse fa go direla setshaba ga ga Rre Motsholapheko go ne ga dira gore a tlhophiwe go modulasetilo wa khansele ya Bobirwa ka ngwaga wa 2019. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Potsolotso
Date : 30 Jul 2026





