Monna o lebanwe ke molato wa petelelo
30 Jul 2026
Monna wa dingwaga tse di masome a marataro le bone (64) o itshupile fa pele ga kgotla tshekelo kwa Lobatse morago ga go itseela dikobo ka dikgoka mo mosetsanyaneng wa dingwaga tse di lesome le boraro (13) mo Pitikwe kwa Lobatse ka Matlhatso
Fa a bua mo potsolotsong, mookamela mapodisi a Woodhall kwa Lobatse Superintendent Goitsemang Sekgabo a re mapodisi ba begetswe tiragalo eo ka Matlhatso ke mmaagwe mosetsanyana yoo, yo a boletseng fa monna yoo wa moagisanyi a ne a okisetsa ngwana kwa lelwapeng la gagwe kwa Pitikwe.
Superintendent Sekgabo a re monna yoo, yo mo nakong eno e leng mosekisiwa, o ne a biletsa mosetsanyana yoo kwa ga gagwe a mo roma go tla go tsaya dilo dingwe go di neela rraagwemogolo. Mme e ne ya re mosetsanyana tsena kwa lelwapeng leo, mmelaelwa a lotlela lebati la kamore ya iketlo (sitting room), mme a phamola mosetsanyana yoo, a mo apola diaparo a bo a mo thubetsa ntle le tumalano a sa dirise tsa itshireletso.
Superintendent Sekgabo a re morago ga go amogela pego eo ka Matlhatso mapodisi ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragalo mme ba ne ba tshwara monna yoo.
Mmelaelwa o ne a isiwa kwa kwa kokelong ya Athlone kwa Lobatse le mosetsanyana yoo go tlhatlhobiwa ke ba bongaka.
Mme ya re ka Mosupologo a isiwa fa pele ga lekgotla la ditsheko go ipega mabapi le molato o a o lebisitsweng.
Ramapodisi o tlhalosa gore mo nakong eno mosekisiwa o tshegeditswe go letela tsheko a le kwa kgolegelong mme o tlaa ipega gape fa pele ga ba bosekisi kgwedi ya Phatwe a le lesome le bone kwa Lobatse Magistrate Court. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 30 Jul 2026





