Ba itlamile go baya ditsha kgwedi le kgwedi
29 Jul 2026
Ba lekgotlana la kabo ditsha la Molepolole ba re monongwaga ba tsositse dinao go tlhomamisa gore baikopedi ba bewa ditsha tsa bonno le tsa kgwebo.
Modulasetilo wa lekgotlana, Rre Moemedi Babitseng, a re ba tsibogetse dilelo tsa baikopedi mabapi le go salela kwa morago ka go aba ditsha kwa Molepolole le metse e e mo tikologo.
A re ba sa le ba sega tema e ka 2023 kwa Gamodubu mme go tsweng foo, ba ya go baya ditsha kwa Mmanoko.
O supile fa ba ne ba kgona go baya palo ya ditsha e e namentsang, selo se se neng sa itumedisa banni ba metse eo.
Rre Babitseng a re le fa go ntse jalo, ba santse ba tlaa ikgata motlhala go ya go baya ba ba iseng ba bewe mme a re ba santse baya go bua le beng ba masimo.
Monongwaga go simolotswe go baya ka Mopitlo kwa Suping kwa go beilweng ditsha di le 134, tse 120 kwa Magokotswane, mme ka Motsheganong ba boela gape kwa Magokotswane kwa go beilweng ditsha di le 300.
“Ka Seetebosigo re beile ditsha di le 173 kwa Magokotswane, ka Phukwi jaana re tshwanetse go baya ba le 300 gone kwa Magotswane, e ntse e le mo thoteng ya mantswe a Magotswane,” Rre Babitseng a tlhalosa.
A re le mororo e rile ka 2023 fa komiti ya nako eno ya lekgotlana la kabo ditsha e tsaya marapo ba fitlhetse palo ya baikopedi ba ditsha kwa Molepolole e feta dikete tse di masome a mabedi.
A re palo eo, gantsi ga se ya boammaruri ka gore bangwe ba baikopedi ke ba ba setseng ba beilwe kwa metseng e mengwe ka jalo, ba kgaphelwa ntle ke molao wa peo ya lefatshe mo tsetlaneng ya 58 (i) e e reng; Motswana mongwe le mongwe o lekanwe ke go bewa setsha se le sengwe mo lefatsheng la toropo le mo lefatsheng la morafe.
Rre Babitseng a re se, se raya gore fa go ka direga gore moikopedi a iphitlhele a ikopetse kwa mafelong a fetang bongwe, o ka boela morago dikopo tse dingwe mme a kgethe setsha kwa lefelong le a le ratang go setswe morago molao le tsamaiso ya kabo ditsha.
A re palo e e wetse tlase fela thata fa e sa le go simololwa go baya ditsha monongwaga le go dirisa molawana o nankotsweng fa godimo.
“Re baya dikopo tsa 2006. Go lebega gore ka ngwaga oo mo Molepolole go ne ga nna le seemo sengwe se re sa se tlhaloganyeng gore baikopdei ba nne ba ntsi thata.
A re ba itlamile gore fa bapotiedi ba lefatshe ba gololola moalo wa ditsha, lekgotlana le tla baya tse di leng teng ka ponyo ya leitlho ke ka moo ba itlamileng gore ba tswelele ka go aba ditsha kgwedi le kgwedi.
“Bonyenyane jo re bo bonang go tswa kwa Department of Surveys and Mapping re a bo baya.
Ga rena go emisa go baya go fitlhelela khuduthamaga ya nako eno e rola marapho ka kgwedi ya Mosetlha mme re solofela gore ba ba tlaabong ba tsaya marapho mo go rona ba tlaa tsweledisa fa re tlaabong re eme teng,” ga tshepisa Rre Babitseng.
Rre Babitseng a re ga ba nne ba remelele mo Molepolole fela mme ba ya go baya le kwa metseng e tshwana le bo Mogonono kwa a reng sebe sa phiri e tla nna gore ba santse ba ya go nna fatshe ba bua le beng ba masimo ka gore ba neele lekgotlana la kabo ditsha masimo a bone.
Fa a tlatsa modusetilo mopotiedi wa lefatshe, Rre Kago Modise, a re go bo jaanong tiro ya peo e fefogile kwa Molepolole ke gore ba ile ba itshwaraganya le ba makgotlana a mangwe a kabo ditsha ka lenaneo le ba le biditseng ba re ‘motshelo” le ka lone ba neng ba batla go kopanela tiro ya go thusa go dira dithulaganyo tsotlhe tse ditlhokegang gore lefatshe le bewe.
Mongwe wa ba ba abetsweng setsha ka Labobedi kwa Masugankwe gone kwa Magokotswane, Rre John Mmadintsi, a re o sa le a ikopeetse setsha seo ka ngwaga wa 2006 mme a re o itumetse ka jaanong o tlaa fuduga kwa gaabo ka a setse a godile. O ile a kopa botlhe ba ba beilweng ditsha gore ba seka ba di rekisa, mme ba di tlhabolole ba nne mo go tsone ka go bona setsha gape go le thata mo metlheng eno.
Mme Portia Mmelara a re le ene o itumetse thata ka gore jaanong a tla kgona go agela bana ba gagwe. ENDS
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Molepolole
Event : Kabo ya ditsha
Date : 29 Jul 2026



