Tlhabiwe o akgola makgotlana a kabo ditsha
28 Jul 2026
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Ngwaketse, Rre Bobby Tlhabiwe o galaleditse maiteko a makgotlana a kabo ditsha a GaNgwaketse gore ba bo ba feditse go sekaseka le go tsaya ditshwetso tse di mabapi le dikopo tsa lefatshe.
Rre Tlhabiswe o tlhalositse se kwa Kanye ka Mosupologo, a re o lemogile maiteko a gore makgotlana a kabo ditsha a fitlhelela dinako le dielo tse lephata le solofetseng go dira tiro ka tsone.
A re se, ke tolamo mo go tsamaiseng merero ya go aba lefatshe le fa go na le dikgoreletsi tsa kiletso bolwetse ja tlhako le molomo.
O kaile fa makgotlana a netefaditse gore ditiro di tshwana le kabo ya lefatshe le go rarabololwa ga dikgotlhang tsa kabo ya lefatshe, di tsweletse sentle le fa go na le letlhoko la madi.
Rre Tlhabiwe a re mo makong e no e barui ba tlhobaediwang ke bolwetse jwa tlhako le molomo le go tswalwa ga mebaraka, tiego ya go aba lefatshe ga se selo se b aka batlang go se utlwa.
O lebogile maloko a makgotlana a kabo ditsha go tsibogela kopo ya gore makgotla le setshaba ba thuse ka go ithaopa go tsosolosa le go aga molelwane wa taolo matlhoko a leruo segolo jang kwa kgaolong ya Barolong le dikarolo dingwe tsa GaNgwaketse kwa bolwetse bo tshwerweng teng.
Rre Tlhabiwe o thalositse fa maloko a ikopantse le ba lephata la matlhoko a leruo, go aga molelelwane go tswa kwa Ntlhantlhe mme ebile ba solofete go tshwara jalo go fitlha kago eo e wela kwa dipolaseng tsa Banyana.
A re lekgotla la Ngwaketse le na le lenaneo la go akaretsa le go dirisisa maitemogelo a lone go tswa mo go tlhagogeng ga bolwetse jwa tlhako le molomo.
Se se akaretsa go tsaya ditshwetso ka kabo lefatshe mo isagong, jaaka go babalela melelawane e e tlogetsweng go nna dikganedi, go fokotsa mafulo a lefatshe le le tlhakanetsweng, ka go dirisa mokgwa wa kabo lefatshe la mafudiso a a faphegileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : Phuthego ya khansele
Date : 28 Jul 2026




