Didirisiwa tsa maranyane di ka tlhabolola temo
27 Jul 2026
Mookamedi wa Drones for Africa Mme Marang Mbaakanyi o rotloeditse balemi go inaakanya le maranyane a segompieno ka a ka ba thusa go oketsa thobo ya bone.
O buile se kwa masimong a Dikabea go bapa le Palapye kwa balemi ba neng ba supa temo ya bone. Balemi ba ne ba supa tse di farologaneng tsa thobo di tshwana le mefuta e e farologaneng ya mabele, dinawa, ditloo, manoko, morogo,
Ka jalo Mme Mbaakanyi o ne a kopa balemi go ithuta mekgwa e mesha ya temo, maikaelelo e le go e oketsa boleng jwa thobo. A re balemi ba tshwanetse ba tlhakanye methale ya gompieno le ya bogologolo go tokafatsa le go tlhabolola temo ya bone.
O ne gape a gwetlha balemi go ithuta maranyane ba bo ba a tlhaloganye gore ba kgone go a tlhakanya le temo e ba neng ba e dira mo nakong e e fetileng ka se se ka tkhabolola temo ya bone.
A re mo nakong eno maranyane a tlhofofatsa temo jaaka go na le maranyane a drones a balemi ba ka kgonang go a dirisa go ba thusa mo temong.
A re di drone di kgona go dirisiwa go bala ditema bogolo jang mo nakong e balemisi ba tsayang nako ba bala ditema mo masimong, ka jalo di ka fokotsa nako e ba e dirisang mo masimong a le mangwe.
A re balemi le bone ba ka dirisa drones go tshela menontshane mo dijwalong tsa bone kana tse di bolayang diji. A re le bone fela jaaka balemisi ba ka somerela nako e ba e tsayang mo ditshimong tsa bone
Mme Mbaakanyi a re nngwe ya tiro e ntsi e e dirwang ke balemi ke go koba diji di tshwana le dinonyane mo tshimong ka jalo a re balemi ba ka dirisa drones tse di nang le segoagoe go dira modumo o o kobang dinonyane.
A re ba ka dira modiumo o o direletsweng ruri ba koba dinonyane mme ba tswelele jalo ba ntse ba o fetola go ya ka malatsi gore o kgone go di koba ka boammaaruri.
A re maranyane ga se a di drone fela mme go na le tse dintsi tsa segompieno tse balemi ba ka di dirisang kana ba ka di dirang go tlhabolola temo ya bone.
O ne a supa fa temo e se motlhofo jaaka bangwe ba akanya, ka mo dinakong tse dingwe molemi a kgona go felelwa ke tshepo ka a a bo a dirile go le gontsi go leka go tlhabolola thobo ya gagwe mme go felela go sa nne jaaka a batla. Ka jalo o ne a kopa balemi go sa ineeleng ka lefatshe leno le beile mo go bone.
Mme Mbaakanyi o ne gape a kgothatsa banana go sa tshabeng temo ba akanya fa e le ya bagolo e bile e le segologolo mme ba itse fa e le khumo, ka e le kgwebo.
Mmabalemisi wa kgaolo ya Palapye Mme Ntlhokwa Zolo o ne a supa fa letsatsi la go supa temo e le letsatsi le balemi ba ikgantshang ka temo ya bone. A re e le lephata la selemisi, ba filwe tiro ya go bereka le balemi gore ba fetole temo ya bone kana ka fa ba e dirang ka teng mme ba tswe mo segologolong se ba neng ba lemela go ja fela ka jalo ba leme temo e e nang le dipoelo e bile e itepatepanya le maemo a loapi ka fa a ntseng ka teng.
A re balemi mo nakong eno ba tshwanetse ba lemele go boelwa ka jalo ba seka ba dirisa peo nngwe le nngwe, mme ba dirise e e ka itepatepanyang le go fetoga ga loapi; dipula tse di sa neng sentle le mogoite o o feteletseng.
Mme Zolo a re balemi ba tshwanetse ba nne bagwebi mme gore ba nne jalo ba tshwanetse ba leme ditema di le dinnye ba bo ba oketsa se se tswang mo ditemeng tseo go na le gore ba leme ditema tse dintsi ba bo ba sa tswe ka sepe.
Re batla gore tse di tswang mo masimong di fetole boleng, balemi ba kgone go rekisa kwa ntle ga lefatshe. A re 80 per cent ya se se robilweng mo lefatsheng leno e tshwanetse e nne se se yang kwa ntle ga lefatshe mme selekanyo sa 20 per cent se jewa mono.
Mme Zolo o ne a supa fa puso e ne ya simolodisa lenaneo la lemang dijo e le tema e le nngwe e e lemelwang balemi mme mo temeng eo molemi a tshwanetse a e tlhokomele sentle a bo a ntshe dikgetsi tsa selekanyo sa 50 kg di le masome a mabedi.
A re go le pele balemi ba ne ba lemelwa ditema di le tlhano mme ba sa tswe ka sepe se se nametsang ka jalo se se ne sa gwetlha puso go fokotsa ditema gore balemi ba kgone go tlhokomela temo sentle.
O ne a kopa balemi go ithotloetsa mme ba tlhokomele temo ya bone ba supe fa ba tlhoafetse; a supa fa seo se ka itumedisa ka puso e ka oketsa ditema tseo go tswelela e ba rotloetsa.
A re balemi ba tshwanetse ba supe thobo ya bone kwa molemising wa kgaolo gore go itsiwe gore go na le dijo dife le dife mo lefatsheng le gone go thusa puso go tswala melelwane go sa letlelewe dijo tse di leng teng mo lefatsheng go phadisana le tse di tswang kwa ntle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Phuthego ya balemi
Date : 27 Jul 2026



