Neelang dikokomane boswa
23 Jul 2026
Fa lefatshe le ntse le fetoga ka ntlha ya tlhabologo le go gola ga ditoropo, go botlhokwa gore basha ba se ka ba latlhegelwa ke puo le ngwao ya bone, mme go batliwe ditsela tsa go dira gore tsotlhe di tsamaye mmogo gore boswa jwa ngwao bo tswelele go fitisediwa kwa dikokomaneng tse di tlang.
Moeteledipele wa Ovaherero Youth Council mo Botswana, Rre Eric Kuapara, o buile jalo kwa moletlong wa Otjiserandu o o neng o tshwaretswe kwa Tsau bosheng.
Rre Kuapara a re go somarela ngwao ga go reye gore batho ba ganetse tlhabololo, mme go tshwanetse ga batliwa tekatekano e e tla dirang gore ngwao e tsamaelane le botshelo jwa segompieno.
A re basha ke bone ba ba ka isang ngwao kwa pele, ka jalo go botlhokwa gore ba rutiwe puo ya Seherero, meila le tsotlhe tse di ba supang e le Baherero ba sa le bannye.
Rre Kuapara o tlhalositse gore fa ngwao e sa fetisediwe kwa baneng, e ka nna ya nyelela, mme seo se ka dira gore morafe o latlhegelwe ke ngwao ya one.
O ne a tlhalosa gore ngwao ga e a tshwanela go tsewa fela e le boswa jwa bogologolo, mme e tshwanetse go lemogiwa gape e le sengwe se se ka tsenyang letsogo mo go godiseng itsholelo ya lefatshe.
“Fa ngwao e ka fiwa seriti se e se tshwanetseng e ka rotloetsa bojanala, ya bula dikgwebo tsa ngwao mme ya thoma le mebereko,” ga bua Rre Kuapara.
Mogolo go tswa mo ngwaong ya Baherero, Mme Petrina Kavei ene o tlhalositse fa maikarabelo a go somarela ngwao a simolola mo malwapeng, ka batsadi ba ruta bana puo, meila le mabaka a ditsamaiso tsotlhe tsa ngwao ba sa le bannye.
O boletse fa bana ba tshwanetse go tlhaloganya gore ke eng fa ngwao e dirwa ka tsela e e rileng gore ba se ka ba e tsaya e le dilo tsa bogologolo fela, mme ba e bone e le karolo ya botshelo jwa bone.
Mme Kavei o ne a rotloetsa gape gore dikolo di tsenye letsogo mo go ruteng bana tsotlhe ka ditso le ngwao ya merafe e e farologaneng e e leng teng mo Botswana.
Kgosi Goletwang Letsholathebe wa Tsau ene o rotloetsa Baherero go tswelela go ngaparela ngwao ya bone, a re go e somarela ga se maikarabelo a bagolo fela, mme ke tiro ya morafe otlhe.
Kgosi Letsholatehbe o ne a tlhalosa gore go tlotla le go somarela ngwao ga go reye gore motho o nyatsa ngwao ya ba bangwe, mme tsotlhe di tshwanetse go tlotliwa le go sirelediwa ka go tshwana.
Ka jalo o ne a rotloetsa Baherero go tswelela ka go dirisana mmogo mo go ruteng basha le go ba kgothaletsa go ikgantsha ka boswa jwa bone gore bo se ka jwa nyelela.
Moletlo wa Otjiserandu o o tshwarwang ngwaga le ngwaga kwa Tsau o gopola leeto la Kgosi Samuel Maharero le balatedi ba gagwe ba ba neng ba tshabela mo Botswana morago ga polao ya lotso e e neng ya dirwa ke puso ya Jeremane magareng ga 1904 le 1908.
Moletlo yo gape o ne o naya Baherero ba ba tswang mo dikgaolong tse di farologaneng tsa Botswana le Namibia sebaka sa go kopana, go keteka puo le ngwao ya bone, go tlotla bagaka ba ba ba eteletseng pele le go netefatsa gore boswa jwa bone bo tswelela go tshela mo dikokomaneng tse di tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaolethoo Kgatitswe
Location : TSAU
Event : MOLETLO
Date : 23 Jul 2026



