Kgosi Kgari le morafe ba leboga puso
22 Jul 2026
Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena a re setshaba se kile sa garoga dipelo ka ngwaga wa 2024, morago ga kotsi e e neng ya gapa matshelo a batho ka bontsi jo bo neng bo sa tlwaelesega.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, o boletse fa go ne go le botlhoko thata mo morafeng wa Bakwena ka gore ba ba tlhokafetseng ba ne ba tswa mo motseng wa Molepolole.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Kgari III a re le fa morafe wa gagwe o ne o le mo kutlobotlhokong, o ne wa bona kemonokeng ya maemo a a kwa godimo go tswa mo pusong, ka nako eo ka fa tlase phathi ya Domkrag.
O ne a tlatsa ka gore Bakwena ba tsweletse ka go akola kemonokeng le mo pusong e ntsha ya Umbrella for Democratic Change (UDC).
“Re leboga thata gore diphetogo tse, ga di fetole ka fa le re emang nokeng ka teng, lona ba le filweng marapo a go tsamaisa lefatshe. Re itumelela ka fa re emiwang nokeng ka teng ke botsamaisi le bogogi jwa lefatshe le,” ga tlhalosa Kgosi Kgari III.
O tlhaolositse fa maikaelelo a kokoano e le go apola matlapa a ba ba robetseng, mme a leboga mohumagadi wa ga Tautona, Mme Kaone Boko gore a ne a bona go tshwanela go phutha botlhe ba ba nang le bokgoni le dithata gore ba thuse mo tirong ya go etleetsa setshaba le go thusa ba malwapa a a tlhokafaletsweng.
A re Mme Boko o dira se go gopola bana ba sekole sa Matsha College le baphuthegi ba kereke ya St Engenas ZCC ba ba neng ba tlhokafala mo dikotsing tsa tsela tse di farologanyeng le go sidila maikutlo ba malwapa.
Kgosi Kgari III a re keletso ke gore, setshaba se seka sa iphitlhela se na le seemo sa go tshwana seo gape mo isagong. A re keletso ke gore ba ba amegileng mo dikotsing tse ba sidilege.
Moemedi wa malwapa a ba ba tlhokafetseng mo kotsing ya Mmamatlakala, Kgosi Kruger Kareng a re go latlhegelwa ke ba o tshelang le bone, ba go tlhokometse kgotsa o ba rata, go tlhakatlhakanya dikakanyo.
Le fa go ntse jalo, a re le fa ba ne ba le mo maibing a kutlobotlhoko ya masetlapelo a a neng a ba wela, go botlhokwa go leboga puso ka gore e ne ya ema ka dinao ka gotlhe mo e neng e ka go kgona, go akarediwa dithuso tsa madi, dipalamo, dijo le tshidilo maikutlo gore manokonoko a bohutsana jo bo neng bo apere malwapa a fetoge kagiso le tsholofelo ya gore bohutsana bo apoge.
A re sengwe sa dilo tse di botlhokwa go nankolwa ke gore malwapa a a tlhokafaletsweng a ne a kgona go boloka ka tsela e e nang le seriti, a tlatsa ka gore le mo nakong ya gompieno seriti seo se santse se supagala.
Le fa go na le dikgwetlho, le gore yo o tlhokafetseng ga go sepe se se ka mo emisetsang, Rre Kareng a re go botlhokwa go lemoga gore tsotlhe tse di dirilweng ke puso di ne tsa tlisa kagiso le thitibalo mo malwapeng.
O tlhalositse fa go le bothlokwa go tswelela ka go lekola le go sidila maikutlo ba malwapa a a tlhokafaletsweng go fokotsa manokonoko a kutlobotlhoko.
“Re thuseng ka tse tlhokafalang ka gore bangwe mo malwapeng a rona re ne re tshela ka ba ga rona ba ba sa tlholeng ba le mo botshelong,” ga tlhalosa Rre Kareng.
A re go botlhokwa go lemoga le go leboga ba ba thusitseng le go tlisa kgomotso ka metlhale e e farologanyeng le gore Modimo o tswelele ka go segofatsa lefatshe, boeteledipele le setshaba ka kakaretso.
Rre Kareng a re o eletsa gore Modimo a thuse ba sidilege, ba fole ebile ba kgone go tswelela le botshelo.
Moemedi wa batsadi ba ba tlhokafaletsweng ke bana mo kotsing ya teraka ya baithuti ba Matsha College, Rre Gothusamang Ramolelo a re se setona ke go neela dipelo le maikutlo mo Modimong gore o ba thatafatse.
Rre Ramolelo a re tatlhegelo ga se ya malwapa a a tlhokafaletsweng fela, mme e le ya setshaba ka kakaretso.
“Re leboga thotloetso le lorato le le supilweng ke puso. Maloba jaana ne re le kwa Dutlwe, mohumagadi wa ga Tautona a bipolola sefikantswe sa bana ba rona ba ba tlhokafetseng. Seo ke sekao sa gore puso ga e a re lebala, e ntse e na le rona,” ga tlhalosa Rre Ramolelo.
Mongwe wa baithuti ba pele ba Matsha College yo neng a falola kotsi, Mme Segomotso Karayatshipi a re kotsi e diragetse kgwedi wa Ngwanatsele e le malatsi a le lesome le boraro ka ngwaga wa 2015.
Mme Karayatshipi a re ba ba neng ba tsere mosepele e ne e le baithuti ba mophato wa botlhano ba boela kwa magaeng a bone morago ga go wetsa ditlhatlhobo.
A re kotsi eo e amile matshelo le botsogo jwa bone ka jalo a leboga mohumagadi wa ga Tautona, gore morago ga dingwaga tse di lesome le motso a bona go tshwanetse go ba lemoga.
“Re a go leboga. Ke dumela gore re tlaa tswelela re itumela jaaka o re solofeditse. Re lemogeng batsadi ba rona, le re thuse go ya pele. Ke dumela gore thulaganyo e, e tlaa re fodisa, maikutlo a rona a tlaa amogela re tlaa fola,” ga tlhalosa Mme Karayatshipi.
O tlhalositse fa bangwe ba bone ba tshela ka dikgobalo tse di masisi, ka jalo ba tlhoka thuso e e tseneletseng, ba akaretsang mongwe yo o kgaogileng letsogo, fa ba bangwe ba amegile thata mo ditlhaloganyong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Molepolole
Event : Tombstone unveiling
Date : 22 Jul 2026




