Borre Ba Rotloediwa Go Itlhokomela
16 Jul 2026
Mokhanselara wa kgaolwana ya Boswelatlou kwa Lobatse, Rre Omar Raphel a re borre ga ba rate go supa mathata a bone fa ba le mo dipharagobeng.
Rre Raphel o buile jalo kwa Lobatse ka Laboraro jaaka go ne go tshwerwe bokopano jwa borre bo itebagantse le botsogo jwa tlhaloganyo, ka setlhogo se se reng: Ga o a tshwanela go rwala o le nosi.
O tlhalositse gore bokopano jo bo tlaa thusa thata borre ka e bile e se batho ba ba buang fa ba lebanwe ke dikgwetlho.
Bokopano joo bo ne bo tseneletswe ke baitseanape gotswa kwa mafelong aa farologaneng go ba tla go reetsa le go thusa borre.
Mogolwane wa tsa botsogo jwa tlhaloganyo gotswa kwa kokelong ya Sabrana, Dr Lebopo Sebapadi o boletse gore botsogo jwa tlhaloganyo bo bakiwa ke seemo sa maikutlo le gore motho o akanya jang. O tsweletse a tlhalosa gore ga gona tlhatlhobo epe, e e dirwang go lekola tlhaloganyo, mme goya ka fa motho kana molwetse a itlhalosang ka teng kwa bongakeng. Are ba seka ba tshaba go itlhalosetsa ba bongaka, a tlatsa ka gore motho o a bo a sireletsegile e bile a le mo diatleng tse diphepa.
Mogakolodi wa tsa manyalo le kago sesha ya manyalo, Moruti Joseph Mohlomi a re go le gantsi banyalani ba kgona go iphitlhela dikakanyo tsa bone di sa tsamaisane, are seo, se felela se baka tshakgalo le dipolaano tse dintsi.
Mo go tse dingwe, Moruti Mohlomi, a re borre ba tshwanetse go itse gore go tlhopha motho go lebelelwa ka fa o godisitsweng ka teng, ngwao le gore o itshwara jang, a bolela gore go botlhokwa gore batho ba rutiwe ka lenyalo.
Mo go tse dingwe, Reverend Godfrey Tsetsengwe go tswa kwa Ministers Fraternal kwa Lobatse o boletse gore tumelo e thusanya le tsa botsogo.
O ne a kopa baruti go rotloetsa botlhe ba ba ka tswang ba na le kgotlhang le dikakanyo tsa bone, go bona ba botsogo.
Mongwe wa ba-tsena bokopano, Rre Onneile Charles o supile fa tiriso ya madi e le nngwe ya tse di ka bakang kgotlhang le go itsa kagiso mo lelwapeng.
Fa Rre Moamogedi Bathai a re kgang kgolo ke gore banyalani ba neelane megopolo le go ipha nako.
Mothusa molaodi wa Lobatse, Rre Kabelo Ntopo o ne a rotloetsa borre go itlhokomela go itsa gore ba lebege jaaka mathata a bone, a re motho le fa a imetswe o tshwanetse go tlhapa a nne phepa, ka moo a ba kgothatsa gape go emana nokeng ka dinako tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Bokopano jwa borre
Date : 16 Jul 2026






