Breaking News

Ba Kenneth Evelyn Siele Trust Fund Ba Boloditse Letsholo

16 Jul 2026

Kgosi Seregola Seretse wa kgotla ya Thema/Motswedi  mo Lobatse a re go dirisa bojalwa le ditagi phetelela go senya matshelo a batho.

O buile jalo kwa kamogelong ya mosimolodisi wa lekalana la Kenneth &Evelyn Siele Trust Fund, Rre Mpho Siele yo o mo mosepeleng wa dikhilomithara di le sekete go tswa Maun go ya Kanye.

Maikaelelo a mosepele oo ke go tsibosa batho ka bodiphatsa jwa tiriso bojalwa phetelela le ditagi dingwe tse di seng ka fa molaong tse di senyang matshelo a badirisi.

Kgosi Seretse o supile fa kgang ya tiriso bojalwa le ditagi botlhaswa e ngomola pelo ka jaana le bana ba dikolo ba inaakantse le tsone, seemo se areng se tlhoka mongwe le mongwe go tsaya karolo go se lwantsha.

“A re emeleng seemo se ka dinao ka jaana bana ba rona baa nyelela e bile malwapa mangwe a thubegile ka ntlha ya bojalwa le ditagi,” a gatelela jalo a lebogela maiteko a lekalana la ga Rre Siele mo go tsiboseng Batswana ka manokonoko a tiriso ditagi.

Molaodi wa toropo ya Lobatse, Rre Mpho Mathe le ene o ne a iteela kobo moroko, a supa fa go le botlhokwa gore botlhe ba sekegele tsebe molaetsa wa ga Rre Siele ka jaana o ka dira pharologanyo.

A re mo botshelong batho ba tshwanetse ba ithuta gore phetogo e simolole ka bone e seng go solofela go bona phetogo e dirilwe ke mongwe. 

 A re ba tshwanetse ba itse gore letsema le thata ka mong wa lone ka jalo ba tshwanetse ba emela matshelo a bone ka dinao. 

Rre Mathe o gwetlhile morafe go itshekatsheka pele mo lwapeng, a tlatsa ka gore ba bo ba ela tlhoko bana ba bone go bona gore a ba tshela matshelo a a eletsegang.  Fa a tswa la gagwe, Rre Siele o boletse fa bothata jo a bo lwantshang bo se bosha.

A re se a se dirang ke go gatelela maiteko a puso le makalana a a ikemetseng ka nosi, ka a bone fa batho ba latlhegelwa ke matshelo ka ntlha ya tiriso bojalwa le ditagi phetelela.  “Ke ka moo ke kekgthileng go gwanta lefatshe ka bophara ke leka go gasa molaetsa wa boikgapho mo dinotaging”. 

 Rre Siele a re bontlha jwa dithuto tsa gagwe bo itebagantse le bana ba ba tlhokileng lesego ka jaana bangwe ba na le boitlhobogo ka ba sa kgona go fitlhelela ditoro tsa bone mme ba felele ba inaakanya le nnotagi.

O tsweletse a re batho bangwe ba tshelela mo kgatelelong ya nnotagi ka ntlha ya go tlhoka bogakolodi, mme a supa fa lekalana la gagwe le itebagantse le seo go fema bao ba ba ka amegang go ya pele.

O boletse gape fa malwapa a sa iketla ka jaana dinotagi di ba ka le yone kgokgontsho ya bong, a tlatsa ka gore bana ba ba amegang mo tirisong ya dinotagi le bone ga ba dire sentle mo dithutong tsa bone. 

Rre Siele a re nnotagi e ema gape letseno mo lwapeng, e ama botsogo jwa tlhaloganyo le mmele ka kakaretso atsatsa ka gore ga gona sepe se sentle ka yone fa e se go senya matshelo a batho.

O boletse fa kwa pheletsong ya mosepele wa gagwe, a ikaelela go aga lefelo la banana la rehabilitation centre le le tlaa bong le itebagantse le go tlamela kana go thusa bao ba ba dirisang nnotagi botlhaswa e bile ba na le maikaelelo a go tlogela.

Kwa lefelong leo, a re banana ba tlaa anya ithuthuntsho le maele a botshelo jaaka go rua dikoko, dipudi le go lema merogo. 

Mookamela mapodise a Woodhall, Senior Superintedent Goitsemang Sekgabo o ne a itsise morafe fa ditagi tse di sa letlelelweng di akaretsa motekwane o a reng o di goga kwa pele mo toropong ya Lobatse. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Mogwanto

Date : 16 Jul 2026