Kgosi O Lebogela Setshaba Go Ithaopa
15 Jul 2026
Kgosi Lotlaamoreng II wa Barolong o akgotse morafe go ithaopa go thusa mo kagong ya terata ya thibelo matlhoko a loruo.
O buile mafoko a kwa merakeng ya Maratadima kwa terata eo e setseng e tsamaya teng, go tswa Tsoaneng.
Kgosi o tlhalositse mo potsolotsong fa a itumela e bile a nametswa ke tiro e e setseng e dirilwe ya dikhilomethara di feta masome a mararo fa e sale kago ya terata eo e simolola kgwedi ya Seetebosigo e ya fifing.
Kgosi Lotlaamoreng II o ne a supa fa a patilwe ke matsholo-tshireletso a a sa tlholeng a le mo tirong ya puso ka maikaelelo a go tsenya letsogo mo tirong eo.
O tsweletse ka go akgola morafe le marara a metse e tshwana le wa Tsoaneng, Mokgomane le Cwaanyaneng go tswelela ba sa ipone tsapa mo go ithaopeng go aga terata eo. A re tshwaragano eo ke yone e e tlaa kgontshang puso go lwantsha segajaja seo sa bolwetsi jwa tlhako le molomo.
Terata eo, e e laolang metsamao ya loruo e simolodisitswe semmuso ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bosupa mme e simolola kwa masimong a Ramotswa, go feta ka mafelo a Ranaka, Mmathethe, Tsoaneng-Sekhutlhane mme e wela kwa motseng wa Werda.
Mo go tse dingwe mogokaganyi wa ditirelo tsa matlhoko a leruo a itebagantse le twantsho bolwetsi jwa tlhako le molomo, Dr Odireleng Thololwane o tlhalositse fa ana le lesokolela la go ithaopa mo mafelong mangwe a terata eo e fetang mo metseng ya teng.
O supile fa kago ya terata eo e sa nametse kwa metseng ya kgaolo ya ga Malete, a supa fa boipelego le boithapo bo le boutsana.
A re seo sea swabisa ka gore e re le ntswa Batswana bangwe bale maoto a tshupa go ithaopa, ke bone gape ba ngongoregang ka go kganelwa go gweba le go ja leruo lwa bone. Dr Thololwane a re fa nne mowa wa boithaopo oo diragalang kwa metseng ya Morolong o ka anama mo tirong e, gone go ka nna bofefo gore puso e sekaseke go bulela go gweba ka nama. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : GOODHOPE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Jul 2026






