Moswaane o kopa banni go somarela Phane
15 Jul 2026
Banni ba kgaolo ya Tswapong ba kopilwe go somarela phane gore ba tswelele ba itshetse ka yone.
Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla kwa Moremi le Lesenepole, mothusa tona wa dikgaolo le ngwao, Rre Ignatious Moswaane a re go botlhokwa gore banni ba tswe ka megopolo le maano a go somarela le go dira madirelo a a ka rekisang phane.
A re kwa mafatsheng a mangwe ba dira sengwe ka yone ka e kgona go phuthelwa mme e rekisiwe ka madi a a kwa godimo a beng ba phane kwa Tswapong ba sa a boneng ka ba e tsaya motlhofo.
Rre Moswaane a re go a bonala gore phane e na le mosola ka bangwe ba kgona go e latela kgakala go e bapala. Rre Moswaane o supile fa metse ka go farologana e na le dingwe tsa di-tsa tlholego kana tse e di filweng ke Modimo di tshwana le dibapala nageng mme di ka thusa gore go dirwe dikgwebo ka tsone mme di tsosolose matshelo.
Ka jalo, mothusa tona o kopile banni ba metse go ithulaganya go bona gore ba ka itshetsa ka eng.
A re metse ka go farologana e tshwanetse e tsosolose thulaganyo ya papadi le madirelo., a tlhalosa fa se, se ka kgonagala fa ba ka ipopa mme ba dira ba le mmogo gore ba tlhame ditiro go fokotsa manokonoko a letlhoko la ditiro bogolo jang la banana.
Rre Moswaane o ne gape a fa banni sekai ka leungo la morula le le atileng thata kwa Tswapong a supa fa kwa South Africa ba dira madi ka one ka o dira bojalwa jo mo nakong eno bo rekiwang ka madi a a kwa godimo.
A re dithapo tsa morula di na le ditsheru tse mo nakong eno kwa mafatsheng a mangwe ba setseng ba dirile dikgwebo tse di ba busetsang madi. A re kgaolo ya Tswapong gape e tumile thata ka go lemiwa thata ga magapu mme banni ga ba bone khumo mo magapung ao, ka ba felela ba dira bojalwa jwa setopoti ka one jo bo felelang bo sa ba fe madi a a kalokalo. O ne a rotloetsa banni go atolosa dikakanyo a supa fa temo mo kgaolong e ntsha magapu a mantsi mme ba dire sengwe se se ka ba tsisetsang dipoelo.
A re se sengwe se banni ba ka itshetsang ka sone ke go dirisa di-tswang kgomong di tshwana le letlalo le dinaka.
A re banni ba ka dira mafelo a go sugelwang matlalo a dikgomo mo go one ka mo nakong eno a sena tiriso e e kalo ka a latlhiwa fa go sena go bolawa kgomo.
O ne a rotloetsa banni go boela mo go tlhameng dikoporase tse ba ka tsamaisang dikgwebo ka tsone ka di ne di dira sentle fela thata mo bogologolong. A re Batswana ga ba a tshwanela go fetoga batlhoki mme ba na le lefatshe le lentsi la temo. Rre Moswaane o ne a supa fa komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwanetse e abelwe lefatshe ka ditlhabololo tse di ka dirwang di le dintsi fela thata fa go na le lefatshe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Jul 2026





