Breaking News

Go fudusa leruo ke go anamisa bolwetse-Motsamai

14 Jul 2026

Mothusa tona wa temo-thuo le lefatshe, Rre Motsamai Motsamai o tsibositse barui gore go fudusa leruo go diphatsa ka go ka anamisa bolwetse ka bonako.

Rre Motsamai o buile se bosheng fa a ne a amogela terata e e sa tswang go agwa sesha, e e kgaoganyang molelwane wa kgaolo ya Kweneng le wa Mahalapye kwa Lephepe. 

Rre Motsamai a re bangwe b

arui fa ba lemoga gore terata e ya go ba tswalela go dira jaaka tlwaelo, ka bangwe ba tlwaeditse leruo go nwa kwa metsweding ya metsi e seng mo kgaolong ya bone, ba fudusa leruo.

“Ke lo tlhaba podi matseba gore go fudusa leruo go ka le tsenya mo diphatseng tsa go lata bolwetsi kgotsa go bo anamisa,” ga tlhalosa Rre Motsamai.

Mo godimo ga moo Rre Motsamai a re terata e le nosi e ka se tsise tharabololo, ka jalo a re maiteko a motho a feta go menaganye tshireletso e ka dirwang ke terata.

“Motho ke ene a nang le dikankanyo tsa go tlola terata, a e huhumela kgotsa a huhumetsa leruo, ka jalo, motho ke ene modisa wa leruo, mme re tshwanetse gore re mo sokolole pele gore a tsalwe sesha, a wele, e nne motlhokomedi, a nne a ntse akanya gore bolwetsi jo bo ka fela motlhofo,” ga  tlhalosa Rre Motsamai.

O kopile badisa go dira ka thata go tlhomamisa gore leruo le babalesegile. Rre Motsamai a re go amega ga leruo go ka feletsa go bakile gore ba latlhegelwe ke ditiro, mme seo se babalele malwapa a bone.

Rre Motsamai a re kgomo ke banka ya Motswana, ka jalo seru sa bolwetse jwa tlhako le molomo se se apesitse mohama wa thuo, ke kgwetlho e amang botlhe.

A re seemo sa nako eno se rurifatsa Setswana se se reng, ‘Ka e tlhoka ka tlhoka boroka, ka e rua le gone ka nna ka bo tlhoka.’

Rre Motsamai a re thekiso ya leruo e ama mongwe le mongwe, go akarediwa bagwebi, ditiro tsa morafe jaaka manyalo ka gore dikgomo di dirisiwa go ntsha bogadi le tse dingwe ditiro ka go farologana tse di tlhokang go dirwa ka madi a tswang mo thekisong ya kgomo le gone go nna le le se jewang mo malwapeng le mediro ka go farologana.

Ka jalo, Rre Motsamai a re go botlhokwa gore botlhe ba nne le seabe mo kagong sesha ya terata e laolang matlhoko a leruo. 

A re bolwetse jwa tlhako le molomo bo tlhora boroko ka jaana le ba ba neng ba ipoloketse madi kwa dibankeng ba simolotse go a ntsha mowa, ka jaana bolwetse bo ba bohile diatla ba sa kgone go rekisa leruo. 

Terata eo, e sa tswang go agiwa sesha ka boithaopo jwa barui ba dipolase tsa Sandveld, ka mokgatlho wa barui wa Sandveld Ranchers Association (SRA) le banni ba metse e e mabapi e akaretsa, Boatlaname, Lephepe, Sojwe, Shadishadi le Loologane go tswa kwa Lephepe go fitlha kwa Central Kalahari Game Reserve (CKGR).

Terata eo e boleele jwa dikhilomethara di feta lekgolo, mme mo nakong eno, baithaopi ba kgonne go baakanya sekgele sa dikhilomethara tse di lesome le boraro. Ka jalo, Rre Motsamai a re o leboga barui le morafe ka kakaretso go tsibogela kopo ya puso ya gore ba tsenye letsogo mo go lwantsheng tlhako le molomo.

 “Ke fano go tla go amogela se le se dirileng, ele maiteko a go lwantsha bolwetsi jwa tlhako le molomo, mme ke amogela jaana go tswa mo morafeng, ka gore tiro e ya go dira terata ga se ya ba mokgatlho wa Sandveld ba le nosi, mme ke tiro ya morafe o ikiteileng sehuba,” Rre  Motsamai a tlhalosa.

A re tshwaragano, tirisano mmogo, boithaopo le boipelego di sa ntse di tshela mme go tlhoka gore di nosediwe.

Modulasetilo wa barui ba dipolase ba Sandveld, Rre Gaobolekwe Tlogelang a re, bangwe ba tshaba go ntsha mosi ka sekhurumelo le fa ba itse kana ba bonye mongwe a kgaola terata,  ka ba re ba tshaba gore badiri molato ba tlaa ba jesetsa mo kgobedung.

Le fa go ntse jalo, a re go botlhokwa go lemoga gore se se dirwang se tlaa nna molemo mo go botlhe.

Rre Gaobolekwe a re terata gantsi e kgaolwa ke barui ka gore fa gongwe ba a bo ba batla go tlodisa leuo la bone ka bogaufi ka ba re dikgoro tsa terata di kgakala le bone, fa bangwe ba kgaola terata gore ba e dirise mo ditirong tsa bone ka go farologana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : LEPHEPE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Jul 2026