Puso e Itlama O Rarabolola Kgang Ya Bogosi
14 Jul 2026
Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao o kopile banni ba Seolwane go nna dipelo telele jaaka lephata le wetsa kgang ya bogosi jwa motse. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Seolwane, mothusa tona Rre Ignatius Moswaane o supile fa ya bogosi jwa Seolwane etswa kgakala
“Re fitlhetse e le gore Kgosi Mhaladi Oteng Mhaladi ga a mo setilong sa bogosi, mabaka ele gore konteraka ya tiro ga yaa atolosiwa ka kgwedi ya Phalane 2023,’ ga bua Rre Moswaane.
Mothusa tona o tladitse ka gore mabaka a a dirileng gore konteraka ya tiro ya ga Kgosi Mhaladi e seka ya atolosiwa ke gore go nnile le lekoko (taskforce) le le neng le tlhomilwe ke tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao, wa nako eo. ‘Kgosi Mhaladi o ne a lebisitswe melato ele mmalwanyana, mme rona re fitlhetse e le gore lekoko le le neng le tlhomilwe go batlisisa ditatofatso le ne le sa kgobokanya bosupi,’ a rialo Rre Moswaane.
O tsweletse a re ka jalo, tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao wa gompieno, o mo romile go tla go tsaa bosupi mo morafeng ka tse di lebisitsweng Kgosi Mhaladi, gore a ye go begela Tona, tshwetso e tsewe, gore a konteraka ya tiro e atolosiwa a boele mo setilong, kana masupi a a ntshitsweng ke setshaba kgatlhanong le Kgosi Mhaladi ke boammaruri, mme fa go le jalo go tlhongwe Kgosi e nngwe ene a arabele ditatofatso tse?
Pele a tsaa bosupi, Rre Moswaane o ne a tlhalosa gore ka fa molaong, go mefuta ele mebedi ya dikgosi.
‘Go bogosi ja letsalo le bogosi jo bo tlhophilweng ‘ a rialo Rre Moswaane. O tsweletse a re fa Kgosi e tshela go fitlheleleng dingwaga di le masome a marataro (60), o fiwa konteraka ya tiro go fitlhelela a tlhokafala. Rre Moswaane o supile gore go na le tsamaiso ya gore kgosi e ka ntshiwa mo setilong, mme go tshwanetse ga salwa molao morago.
“Ditatofatso di dirilwe, lekoko le ne la tlhamiwa, konteraka ya tiro e ne ya seka ya atolosiwa mabaka e le gore go ditatofatso, Kgosi Mhaladi o kwadile a kopa gore konteraka ya tiro ya bogosi e atolosiwe a boele mo tirong,’ a rialo mothusa tona, a tlatsa ka gore ke ka jalo a tsileng go buisa phuthego go kgobokanya bosupi gore kgang e wele.
Ditatofatso tse di lebisitsweng Kgosi Mhaladi ke gore o latofaditswe ka go dirisa madi a dikoleke tsa badiri ba bojalwa mo motseng e se ka fa molaong, go tsaa madi a komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) kwa bankeng ya Standard Chartered, go gataka ditshwanelo tsa setshaba, go tlhoka go dirisana sentle le modulasetilo wa VDC le komiti ya gagwe, go thapa (hire) batho mo lenaneong la Ipelegeng e se ka fa tsamaisong, go tsaa ditshwetso a le esi tsa go rekisa disanke tsa komiti ya VDC, magareng ga tse dingwe.
Rre Moswaane o tsweletse gape o tlhomamisa gore bogosi ja Seolwane ke ja tsalo. Dibui ka go farologana ba ne ba kgwa mothusa tona kgaba ka bosupi, bangwe bone ba supa fa ditatofatso e se boammaruri.
Mothusa tona o supile fa a tlaa begela tona tsotlhe tse a di kgobokantseng kwa phuthegong ka kgang e, gore tshwetso e tsewe.
Setshaba sa Seolwane se tsamaa sekgele go bona ditirelo tsa lekgotla la Setswana ka ba sena kgosi mo kgotleng,’ a rialo Rre Moswaane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : SEOLWANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Jul 2026




