Breaking News

Bole o Itshetsa Ka Go Rekisa Borotho

13 Jul 2026

Mme Maipelo Bole wa dingwaga tse masome mabedi le boraro  wa Makuta kwa kgaolong ya Tutume o itshetsa ka go rekisa borotho. Mme Bole a re o ne a thusiwa ke batsadi ba gagwe ka P500 gore a itshimololele kgwebo. 

Mo potsolotsong  bosheng, o boletse fa a ne a na le mogopolo wa go ka dira sengwe se se ka tsenyang letseno mme a sena madi ago simolola kgwebo, ka thuso eo o ile a akanya ka go apaya borotho jwa scones a rekisa. A re o ne a reka setoko santlha ka madi ao, a  tlhalosa fa kapei ya borotho ka mefuta e le gaufi le pelo ya gagwe.

Mme Bole a re mo mosepeleng wa gagwe  o ne a kopana le dikgwetlho jaaka tsa mmaraka mo a neng a tsamaya sekgala se seleele go latela bareki kwa Tutume kwa  di ofising. A re mosepele gare ga Makuta le Tutume o sekgala ka jalo o patlelesega go palama ka P20 letsatsi le letsatsi ka ke gone fela kwa go nang le mmaraka.

A re nako tse dingwe ga gona dipoelo mo a kgonang go boa ka borotho bo sa rekwa , ka jalo a tlhalosa fa a kgona go dira tatlhegelo.

Mme Bole a re e re ntswa a raletse dikgwetlho, tseo ga se mo kgobe marapo kana go inyatsa mme o tsweletse ka mowa o le mongwe wa go rekisa le go godisa kgwebo ya gagwe. O tlhalositse go re fa motho a dira tiro ya gagwe ka masheta le ka bopelotelele kwa pele go nna le maduo.

O kaile fa a ise a leke go ka kopa dithuso mo makalaneng a tshwana la Nyeletso Lehuma, CEDA, LEA le a mangwe,  a re o santse a totobisa kgwebo pele ka bonnye jo a nang najo. O supile fa maikaelelo a gagwe e le go kokoanya letsenonyana gore a kgone go fudugela kwa gonang le mmaraka teng.

A re mo nakong ya gompieno o tsweletse sentle le ntswa a kokonelwa ke mosepele wa letsatsi le letsatsi wa go ya Tutume le go tlhotlhoma le diofisi a rekisa. 

Mme Bole yo o nang le ngwana a le mongwe a re ka lemme leo o kgona go ithusa le go tlamela ngwana wa gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : MAKUTA

Event : Potsolotso

Date : 13 Jul 2026